Breaking News

Jacobs o solofetsa go isa Kgalagadi kwa pele

12 Dec 2019

Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Hendricks Jacobs,  o solofeditse go itebaganya le ditlhabololo tse di saletseng kwa morago le go bona gore ditlamelo di goroga kwa bathong.

O boletse mo potsolotsong fa a sena go tlhophiwa modulasetilo bosheng gore maikaelelo a gagwe ke go tsweledisa fa badulasetilo ba pele ba tlogetseng teng.

A re o tshwenngwa ke ditiro tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago segolo thata mo go tsa botsogo, thuto, kago ya matlhabelo a dihutsane le gone go okela babeeletsi kwa kgaolong eo.

Rre Jacobs o tlhalositse fa maduo a dikole tse di potlana le tse dikgolwane tse di mo kgaolong eo a sa itumedise  mme a supa fa a tlaa bereka thata le barutabana ka go etela   dikole a di lekola   kgapetsakgapetsa.

Maikaelelo ke go tswa ka ditharabololo le  ka fa ba ka tokafatsang ka teng thuto mo kgaolong eo le gone go tsosolosa dikomiti tsa batsadi le barutabana ka di  na le seabe  mo tokafatsong ya maduo.

Fa a ama  tsa botsogo, Rre Jacobs o buile a sa kgwe mathe ka kokelo e potlana ya Tsabong ka e le kgologolo, e le  nnye ebile e le mosuke ka e amogela palo e feteletseng go tswa mo metseng ee fetang masome a mabedi  go tswa mo kgaolong eo mme a solofetsa fa a tlaa ema ka dinao go tlhomamisa gore puso e aga se sesha.

Rre Jacobs o ne a go supa fa maikaelelo magolo a gagwe e le go tsaya megopolo  mabapi le ditlhabololo mo  banning ba kgaolo eo   go bereka ba le seopo sengwe   le makhanselara  a gagwe ba beetse  kwa thoko dipharologanyo tsa bone tsa  sepolotiki  go diragatsa dikeletso tsa setshaba.

Rre Jacobs, yo gape e le  mokhanselara wa kgaolwana ya bokhanselara ya Bokspits/Struizendam,  o boletse fa a ithutetse tsa madi le ditogamaano le go ikoketsa dithuto mo makalaneng aa farologanyeng.

O ne a tlhalosa fa a simolotse tiro ya gagwe  kwa Botswana Police Service (BPS) go tloga ka 1998-2000, a direla kwa  Security Intelligence Services 2000-2007,  o diretse gape kwa Bank of Botswana go tswa ka 2007-2014  mme a tlogela tiro a inaakanya le tsa temo thuo.  

Rre Jacobs  o  tlhophilwe modulasetilo  ke makhanselera  a le lesome le botlhano mme maemo a  mothusa modulasetilo a gapiwa ke  Rre Moratwa Lekolori go tswa Kgalagadi Bokone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Dec 2019