Breaking News

Maloko a BCW a abela balwetse

12 Dec 2019

Maloko a mokgatlho wa Botswana Council of Women (BCW) a abetse balwetse kwa kokelong ya Letlhakane melora.

Fa a rola dimpho tseo, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Esther Thanke, o supile fa maikaelelo e le go thusa ba ba tlhokileng lesego ka mabaka a a farologaneng.

Mme Thanke a re go aba go botlhokwa ka ebile malatsi a botsalo jwa Morena a atumetse.

A re balwetse ba ba kwa dikokelong le magolegwa ba tlhoka go gopolwa ka nako e.

Mme Thanke o supile fa e le lantlha ba dira tiro ya mofuta o mme ba ikaelela go tswelela ba abela balwetse le magolegwa gangwe le gape.

O supile fa mongwe le mongwe mo mokgatlhong a tsisa se a sekgonang.

A re keletso ya gagwe ke go bona mongwe le mongwe a tsenya letsogo mo go thuseng balwetse, bogolo thata bomme ba ba belegang.

Mogolwane wa sepatela, Mme Maipelo Mmolawa o lebogile bomme ba BCW a re ba supa fa ba kgathala ka ba bangwe.

A re dimpho tseo di tsesitse monyenyo mo go ba ba abelwang, ebile di dira pharologanyo mo botshelong jwa bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tefo Kebareng

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Dec 2019