Breaking News

Go sha ga sekole go oketsa dikgwetlho

12 Dec 2019

Tona wa lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao, a re matlo a borobalo a a jelweng ke molelo kwa sekolong segolwane sa Nata a okeditse dikgwetlho tsa lephata.

Rre Molao o buile se fa a ne a etetse sekole seo go bona tshenyo ee bakilweng ke molelo bosheng.

 A re lephata le ntse le lebanwe ke dikgwetlho tsa mosuke kwa matlong a borobalo a baithuti.

A re ka tshwaragano le tirisanyo mmogo banni ba Nata, makgotla ka go farologana le puso ba ka tswa ka methale ya go rarabolola dikgwetlho tse di tlhagogang.

Rre Molao o ne a gatelela botlhokwa jwa tirisanyo mmogo, a tlatsa ka gore e ka ba thusa go tshwaraganela baithuti go ba betla gore ba gole ba ila go senyaka dithoto tsa sekole, a supa fa sekole se tshwana le motse, e bile mogokgo ka nosi a ka se kgone.

A re maikaelelo a leeto la gagwe e ne e le go lekola sekole go bona seemo ka fa se ntseng ka teng le go leka go bona gore ga gona ka fa go ka rarabololwang seemo seo ka teng.

A re o ikaeletse go tsamaya le dikole tsotlhe a di lekola go nna le kitso le go bona ka fa di dirang ka teng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

Mogokgo wa sekole sa Nata, Mme Tebogo Sebogodi, o boletse fa matlo a borobalo a baithuti e le dikago tsa matlhatlaganyane a mararo, mme molelo o tlhagogile kwa dikamoreng tsa bobedi tse di matlhatlaganyaneng a bobedi kwa  go nnang basimane.

A re baithuti ba le masome marataro le bosupa ba dule fela ba iphotlheree ka dilwana tsa bone di shele tsa ba tsa lora.

Mme Sebogodi a re ba tsere tshwetso ya go fudusetsa baithuti bao kwa matlwaneng aa neng a nna baithuti ba lekwalo labotlhano ba ka nako eo ba neng ba tswetse.

A re baithuti ba ba amegileng ba ne ba thusiwa ka go sidilwa maikutlo le go ba thusa ka dingwe tse ba ka di dirisang le go itsise batsadi ba bone.

O tsweletse a bolela fa go sena ope yo o gobetseng mo tiragalong eo.

Mogokgo o ne a supa fa ba sa jesiwe di welang ke borre bangwe ba ba senang boikarabelo ba ba tlhagelang terata ya sekole go tla go tsaya bana ba basetsana.

A re bosheng koloi ya modiro wa Honda Fit e ne ya tlhagela terata ya sekole, e bonwe e le mo lebelong e feta e pegile baithuti bangwe.

Mme Sebogodi o ne a kopa boeteledipele jwa motse go thusa mo go lwantsheng dikgang tsa go nna jalo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Dec 2019