Breaking News

Pula e sentse matlo a le marataro kwa Leporung

12 Dec 2019

 Dipula tsa matlakadibe di sentse matlo a le marataro, mme tsa tlogela batho ba sena bonno kwa motseng wa Leporung, mo kgaolong ya Barolong.

Molaodi wa ditlhabololo mo kgaolong potlana ya Goodhope, Rre Mmoloki Batlang o tlhalositse fa ba amogetse dipego tse go simolola ka matlhatso go fitlhelela maabane. A re bontsi jwa matlo a ke a agilweng ka mmu.

Rre Batlang o tlhomamisitse fa komiti ya dibetso tsa tlholego mo kgaolong, e ipankanyeditse diemo tse, ka jalo ba neetse batswa setlhabelo ditante le dijo go ba thusa mo serung se se ba wetseng.

Mongwe wa ba ba ba amegileng, Mme Naledi Belemo o tlhalositse fa pula e ile ya ba tsenelela ka Matlhatso le maabane, mme ya tsena ka marulelo a bojang, ya kolobetsa dilwana tsotlhe mo ntlong le go senya yone ntlo. A re ba nna ba le borobabongwe mo ntlong eo.

O lebogetse ofisi ya molaodi le ya khansele go bo bo ba bathusitse ka go ba neela tante.BOPA

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Leporung

Event : posolotso

Date : 12 Dec 2019