Breaking News

Dikgang tsa kgokgontsho di a tshwenya

11 Dec 2019

Mogolwane wa mapodisi a Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Berman July, a re kgokgontsho ya bomme le bana e atile kwa kgaolong ya gagwe.

Rre July o boletse jalo mo potsolotsong bosheng kwa Vaalhoek morago ga go wela ga malatsi a lesome le borataro a a seegetsweng fa thoko go rotloetsa batho go iphapha mo kgokgontshong ya bong.

O kgadile a sa kgwe mathe boitsholo jo bo sokameng kwa kgaolong eo. 

Rre July a re ditiragalo tsa letsatsi le, di ne di neela banni sebaka sa go itshekatsheka. 

A re ka ngwaga wa 2018, morafe o ne wa kopanela kwa kgotleng ya Vaalhoek go buisana ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, mme maiteko a a nametsa ka gore dikgang tse di gorogang kwa go ba sepodisi di fokotsegile monongwaga.

A re go botlhokwa go kopana le morafe le magosi a metse eo go tswa ka methale ya go fenya kgokgontsho.

Mogolwane o ne a supa gore e re le ntswa dipalo tsa dikgang tsa petelelo di fokotsegile, tsa dikiteo di ile kwa godimo mme e bile dingwe di setse di isitswe fa pele ga makgotla tshekelo.

 Rre July a re maikaelelo a bone ke go fedisa kgokgontsho ya bomme gotlhelele ka jalo go botlhokwa go tshwaragana le morafe go fitlhelela se.

 A re kgangkgolo ke go ipotsa gore ke eng motho a tswelela a dira molato le ntswa a itse dikatlholo tsa one.

A re bontsi jwa dikgang tse di gorogang ke tsa ba ba tlang ba na le dikgobalo tse di masisi.

 Rre July o tlhalositse jalo gore go santse go supega fa bomme le bana e le bone ba ba amegang mo dikgannyeng tse thata.

Mogolwane wa mapodisi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba begang dikgang kwa go bone mme e re moragonyana ba di boele morago ka mabaka a gore modiramolato ke ene a berekang mo lelwapeng.

 O ne a tlhalosa gore bontsi jwa dikgang tsa sebopego se, go a diragala gore yo o iteilweng a boe gape a boele kwa mapodising a iteilwe morago ga go tsholola kgang.  Rre July a re ba tswelela ka go tlhaba podi matseba ba ba kgokgontshitsweng ka borai jwa go gana ka bosupi gore modiramolato a sekisiwe.

 A re  ga gona se mapodisi a ka se dirang fa yo o kgokgontshitsweng a gana ka bosupi.

Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Vaalhoek, Mme Nametso Barwabatsile a re o lemogile gore bana ba a kgokgontshiwang kwa malwapeng mme bontsi jwa dikgang ga di begelwe mapodisi.

A re bontsi jwa kgokgontsho mo motseng oo, bo tlhotlhelediwa ke go iphetisa dinotagi.

Mme Barwabatsile a re bana ba ba golelang mo tikologong e e ntseng jalo ga ba nke ba iketla mo moweng mme ebile ba supa seo ka go betsa ba bangwe kwa sekolong mme se se kgoreletse dithuto tsa bana.

 A re go santse go na le bana ba thubediwang mme se se ame bana fela thata mme se ame le dithuto tsa bone.

Mme Barwabatsile o tlhalositse gore mo malwapeng mangwe, go lemotshega fa bana ba sala ba le nosi batsadi ba ile go nwa bojalwa mme se se ame kgodiso ya ngwana. 

A re selo se ba se bona mo boitsholong jwa bana kwa sekolong ka go nna tlhogo e thata kana batla ba na le dikgobalo dingwe.

Fa a tswa la gagwe, kgosana ya Vaalhoek, Rre Paul Bock o boletse fa go santse go na le batho ba ba isang dikgang kwa go bone mme morago ba di boele morago ka mabaka a farologanyeng.

A re seemo seo se a tshwenya ka gore morago yo o iteilweng o boa gape a itewa mme a boele gape kwa go kgosi.

Ka jalo, a re ba ba tlang kwa go ene ba na le dikgobalo tse di masisi ba neelwa mapodisi go tlhotlhomisa.

Go ya ka mogolwane wa ofisi ya bong, Mme Tsholofelo Kombani, dipatlisiso tsa Botswana National Relationships Survey di supa gore mo lekgolong, masome a mararo le bosupa ke bomme ba ba kgokgontshiwang ke bakapelo ba bone.

A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e mo maemong a borataro mo go tsa kgokgontsho.

A re dipatlisiso di supa fa bontsi jwa borre ba ba kgokgontshang go supagetse fa ba ne ba kile ba kgokgontshiwa fa ba sale ba botlana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : VAALHOEK

Event : POTSOLOTSO

Date : 11 Dec 2019