Breaking News

Go lwantsha HIVAIDS boikarabelo jwa botlhe

11 Dec 2019

 

 Leloko la lekgotla la Chobe Enclave Community Trust (CECT), Rre Watson Mabuku, o kopile borre go ikaga ka maikaelelo a go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV.

Rre Mabuku o buile se kwa Mabele ka Labobedi kwa go neng go tshwerwe segopotso sa letsatsi la mafatshe-fatshe la HIVAIDS la kgaolo ya Chobe.

Segopotso seo se ne gape se kopanye le go wetsa malatsi a lesome le borataro a go ema kgatlhanong le kgokgontsho e e amanang le bong.

Rre Mabuku o tlhalositse fa mosola wa letsatsi leo e le go ipelela se lefatshe le se kgonneng mabapi le go lwantsha bolwetse joo le go supa kemo nokeng mo go botlhe ba ba amegileng.

Rre Mabuku a re morafe le one o nnile le seabe se sentsi fela thata mo go tlhabantsheng seemo sa HIVAIDS.

“Seabe sa rona re le morafe ke go gakololana ka gore mo malatsing a segompieno ga go sa tlhole  go na le sephiri fa go tshwantshanngwa  le malatsi a pele,’’ ga bua jalo Rre Mabuku.

Fa a bua ka kgokgontsho ya bong, Rre Mabuku a re morafe o tshwanetse go ikemela ka dinao go lwantsha kgokgontsho.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgokgontsho e ile magoletsa mme e bile e le yone e bakang gore go felele go nna le kanamo e ntsi ya HIV.

O ne a tlhalosa gore kgokgontsho ga e sa tlhole e ama bomme le bana fela ka gompieno go na le borre ba bantsi ba ba kgokgontshiwang ke bo mme e bile ba tlhabiwa ke ditlhong go ikuela, ka jalo a kgothatsa morafe go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho e.

Mogolwane wa kokelwana ya ya Kachikau, Mme Clare Kombani, le ene o ne a tlhalosetsa setshaba gore HIVAIDS e kile ya bo e tshosa mo dingwageng tsa pele, mme mo bo gompienong letshogo leo le fokotsegile ka gore batho ba setse ba itse ka jone.

“Moono wa monongwaga  o supa fa morafe le one o ka dira pharologanyo ka gore sengwe le sengwe se dirwa kana se reriwa mo morafeng, e bile Batswana ba  tswa kgakala ba dira pharologanyo, jaaka batlhokomedi ba balwetse le bone batlhatlhobi gareng ga ba bangwe ba ba nang le seabe ke bone morafe,’’ ga tlhalosa jalo Mme Kombani.

Dingwe tse di neng di dirwa ka letsatsi leo di ne di akaretsa go kgaoganya batsena segopotso ka ditlhopha go ya ka dingwaga tsa bone go ba fa sebaka sa go buisanya ka dikgang tse di farologanyeng.

 Dingwe tsa tse go builweng ka tsone di akaretsa mathata a kgokgontsho, go latlhegelwa ke maikutlo a thobalano ga borre le bomme, malwetsi a tlhakanelo dikobo le dikgang tse dingwe fela tse di amang  botsogo. BOKHUTLO

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kabelo Segafi

Event : Segopotso sa letsatsi la mafatshe-fatshe la HIVAIDS

Date : 11 Dec 2019