Emisang go kgoba ka mafoko'
10 Dec 2019
Go kgobotletsa batho ba bangwe ka mafoko ke sengwe sa dilo tse di kaiwang fa e le kgokgontsho.
Se, se builwe ke mogokaganyi wa mokgatlho wa Diphalana, Rre Paul Englishman, kwa Gathwane bosheng kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe fatshe la HIV/AIDS.
A re go lemosega fa gantsi kwa malwapeng, bangwe ba nyadiwa ka go bo ba sa bereke.
A re gangwe le gape batho ba ba berekang ba na le go kgokgontsha ba bangwe ka dipuo tse di bosula.
O supile fa go tlhoka go bereka go sa reye gore ga gona se motho a ka se dirang.
Rre Englishman a re ditiro dingwe jaaka go tlhokomela leruo le go phepafatsa jarata di supa gore batho ba ba berekeng ba mosola thata kwa malwapeng, ka jalo a kopa setshaba go ba tlotla.
Rre Englishman o kopile botlhe go ikela tlhoko fa ba buisana le ba bangwe.
A re go tlhoka go buisa motho sentle go ka mmakela malwetse a dipelo le gone gore batho ba inyatse ka ba ipona ba sena mosola.
E rile a supa seemo sa kanamo ya mogare wa HIV kwa Good Hope, mogokaganyi wa ditirelo tsa mogare wa HIV kwa kgaolong eo, Mme Moitshephi Kerobale a tlhalosa fa batho ba ba tshelang ka mogare ba le masome a mabedi mo lekgolong gotsweng mo dipatlisisong tsa BIAS 111.
O tlhalositse fa batho ba le 4 768 ba tsaya diritibatsi kwa kgaolong eo.
Mme Kerobale o kaile fa lenaneo la thibelo mogare gotswa mo go mmangwana go ya kwa kwa ngwaneng le atlegile thata monongwaga ka go sena ngwana yo o tshotsweng ka mogare.
O supile fa dipalo tsa malwetse a mangwe jaaka a tlhakanelo dikobo di le kwa godimo mo batho ba le 984 ba alafetsweng malwetse a.
Mo bolwetseng jwa kgotlholo e tona, batho ba le masome a matlhano le boferabobedi ba tshwere ka bolwetsi jo.
O gakolotse setshaba go itlhokomela le gone go fetola boitshwaro gore dipalo tse di wele ko tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GATHWANE
Event : Segopotso sa HIV/AIDS
Date : 10 Dec 2019