Modulasetilo o tshwenngwa ke borre ba ba sa direng loaro
09 Dec 2019
Modulasetilo wa komiti ya lekgotla la Men’s Sector kwa Serowe, Assistant Superintendent Phillip Mokoto, a re dipalo tse di kwa tlase tsa borre ba ba dirileng learo le le babalesegileng di a tshwenya.
Assistant Superintendent Mokoto o buile jalo kwa Mabuo bosheng kwa pitsong ya borre, e mo go yone borre ba neng ba arogana kitso ka malwetse a a farologaneng a a ba amang.
A re dipalo di supa fa borre ba se kae ba dirile learo le le babalesegileng la borre ka jalo go tlhokana le gore ba ikitee ka thupana.
Assistant Superintendent Mokoto o ne a kopa borre ba ba ka tswang ba sa tlhaloganye ka learo la borre le le babalesegileng go ya kwa dikokelwaneng tse di gaufi go ithuta ka lone.
A re learo le le botlhokwa fela thata ka le fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a a farologaneng a tlhakanelo dikobo.
Assistant Superintendent Mokoto, yo gape a direlang kwa lephateng la dikgolegelo, o tlhalositse fa a nnile le maitemogelo a le mantsi fa a sale a direla mo lephateng le.
A re o lemogile fa borre ka bontsi ba sa ye kwa dikokelwaneng fa ba lwala mme ba isiwe dikokelong ba setse ba kukiwa kana ba gateletswe thata.
A re lefatshe leno ka bophara le tshwenngwa ke dipalo tsa mogare tse di golelang pele mme di rotloetswa ke go nna le bakapelo ba le bantsi ga borre mo go helelang go baka malwetse a dikobo ka go farologana.
Ka jalo Assistant Superintendent Mokoto o ne a kopa borre go itebaganya le mokapelo a le mongwe ba bo ba iphe nako ya go ba ithuta le go ba itse.
Molomaganya ditiro tsa bolwetse jwa HIV/AIDS kwa kgaolong ya Legare, Mme Phodiso Modungwa, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke palo ee kwa godimo ya malwetse a tlhakanelo dikobo.
Ka jalo ba ne ba lemoga fa go le botlhokwa go tshwara thuto puisano eo.
Mme Modungwa o ne a tlhalosa fa ba rotloetsa baratani go ya go itlhatlhobela mogare ba le mmogo gore ba kgone go gakololwa le go rutwa ka malwetse a dikobo bale mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Felicia Kgosietsile
Location : MABUO
Event : pitsong ya borre
Date : 09 Dec 2019