Tona o akgolela UCCSA go lwantsha kgokgontsho
09 Dec 2019
Tona wa lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Thulagano Segokgo, a re kgokgontsho e na le ditlamorago tse di kgoreletsang tswelelopele.
Tona Segokgo, yo gape eleng mopalamente wa Tlokweng, o buile jalo ka Sontaga fa kereke ya UCCSA kwa Tlokweng e ne e supa seabe sa yone mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong.
A re o itumelela tshwaragano ya kereke ya UCCSA le mokgatlho wa Council of World Mission, le go tsaya boikarabelo jwa go tsaya karolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong.
O supile gore bana ba na le tshwanelo ya go tshela, ba sa kgokgontshiwe ka tsela epe.
Rre Segokgo o tsweletse a tlhalosa gore mafatshe a tsweletse ka go dira mananeo a itebagantseng le go lwantsha seemo se se sa jeseng diwelang sa kgokgontsho.
“Dipalo tsa batho ba ba kgokgontshiwang le ditlamorago tsa se mo botshelong ka kakaretso, di supa fa kgokgontsho e le setlhogo, ka jalo e tlhoka tshwaragano ya botlhe,” a tlatsa jalo.
Rre Segokgo a re o nona pelo ka mathe go bona mekgatlho ya sedumedi jaaka kereke ya UCCSA, e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho.
“Puso e rotloetsa batho go ipopa, ba simolodisa mekgatlho e ka fa molaong, go lwantsha dikgwetlho dipe tse di kgoreletsang mo botshelong, go akarediwa kgokgontsho,” ga bua Rre Segokgo.
O tlhalositse gore mo pegong ya gagwe ka botsogo jwa setshaba, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o boletse gore bomme le bana ba rontshiwa tshwanelo ya go tshela ka kagiso le go bona sebaka sa katlego ke go kgokgontshiwa.
Le fa go ntse jalo, a re puso e itlamile go gagamatsa molao le go tokafatsa ditlamelo tse di itebagantseng le go lwantsha mefuta yotlhe ya kgokgontsho.
Rre Segokgo a re tumelo e bopa boammaruri ka jalo a rotloetsa kereke ya UCCSA go dirisa nonofo e ba e fiwang ke Modimo go bopa setshaba se nang le boammaaruri jo bo ka thusang go lwantsha kgokgontsho.O tsweletse a supa gore go botlhokwa go itshekatsheka ka maikaelelo a go tlosa tsotlhe tse di lebegang di rotloetsa kgokgontsho ya bong.
Tona Segokgo a re go rontsha bomme tshwanelo ya go bereka ditiro dingwe le go nyadisa kana go pateletsa bana go tsena mo nyalong ka bonana, ke dingwe tsa tse di supang kgokgontsho ya bong.
A re dithuto le tsamaiso tse di rutwang bana ke batsadi le setshaba ka kakaretso di tshwanetse go rotloetsa tekatekano ya bong.
Tona Segokgo a re botsogo jwa mo malwapeng, go tlamela bana ka boammaaruri, le go rotloetsa katlego ya bomme, go ka thusa go fokotsa manokonoko a lehuma.
“Ke a le kopa gore le seka la didimala, lwantshang mefuta yotlhe ya kgokgontsho.
Makgotla a tumelo tshwaragang le puso le setshaba ka kakaretso, go aga tshaba e nonofileng, e nang le botsogo,” ga kopa tona.
O tlhalositse gore maikaelelo a puso ke go bopa setshaba se se nonofileng e bile se kgona go itirela le go nonotsha itsholelo ya malwapa le ya lefatshe ka kakaretso.
Motshwara madi wa kereke ya UCCSA, Rre Thuli Johnson, a re go botlhokwa gore le fa ba kopana go obama, ba nne le seabe mo go lwantsheng dikgwetlho tsa setshaba.
Rre Johnson a re lentswe la boammaruri mo setshabeng le tshwanetse go tswa ka kereke. A re go lebega kgokgontsho e ile magoletsa, a tlatsa ka gore borre ba intshitse dira mo setshabeng ka ele bo tshotsho e rweleng mo ditirong tsa borukutlhi tsa go kgokgontsha bomme le bana.
“Go lebega kgokgontsho e kekela ka gore e setse e dirwa le ke bomme,” Rre Johnson a tlhalosa, a tlatsa ka gore kgokgontsho e ditiro di maswe ka gore e baka dintsho, dikgobalo le gone go thuba malwapa le go ama bangwe mo meweng le maikutlo.
O rotloeditse kereke ya UCCSA go ema ka dinao go thusa go lwantsha mathata a amang setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : moletlo
Date : 09 Dec 2019