Kgosi Ledimo o gana kopo ya gore thupa e emisiwe
09 Dec 2019
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Oleyo Ledimo, a re go otlhaa bana ka thupa kwa kgotleng ga se kgokgontsho.
O ne a tshwaela mo dikgannyeng tse bana ba neng ba di bua kwa bokopanong jwa mokgatlho wa bana jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun bosheng.
Bokopano joo, jo bo mo ngwageng wa botlhano, bo akaretsa bana ba dikolo tse dipotlana le ba tse di fa gare.
Kgosi Ledimo a re go otlhaa bana ka thupa go thusa go aga bana ba ba tswang mo tseleng mme a re ba bogosi ba tshwaragana le makalana a mangwe jaaka a boipelego le aa ikemetseng go fa bana bogakolodi.
Kgosi Ledimo o ne a supa fa kotlhao ya bana kwa kgotleng e dirwa ka kelelelo gore ba seka ba se gobadiwa, ebile a re go duedisa bana go se ka se nne le mosola ka go bo go a go duela batsadi mme ba na bone ba tswelele ka go tlhoka tsebe.
O bile a re ba na ba ba sa reetseng le ntswa ba otlhailwe ka thupa kgotsa ba filwe ba makalana a bogakolodi bo o ba padile mme ba tlaa roba ditlamorago tsa maitsholo a bone fa ba godile.
Bangwe ba bana ba na neng ba tsene bokopano joo ba ne ba supa fa thupa e sa siama mme ba re ke eng go sa dirisiwe methale e mengwe ya go otlhaa bana.
Mongwe wa bana bao, Otilia Morewane wa sekolo se segolwane sa Flamingo kwa Sowa Town o ne a supa fa a sa dumalane gore bana ba otlhaiwa ka thupa, a re gongwe ba ka otlhaiwe ka go lefisiwa molato.
Yo mongwe, Khumo Mmalan,e wa sekolo se segolwane sa Bobirwa a re gongwe bana ba ka otlhaiwa ka go fiwa ditiro tsa mo legaeng go na le thupa a re seo se ka dira gore ngwana a utlwe manokonoko a se a se dirileng.
Moithuti wa Sekolo se sebotlana sa Maranyane kwa Kanye, Tsaone Ditogo ene o ne a batla go itse gore fa ngwana a paletse kotlhao ya thupa le bogakolodi go dirwa jang ka ene. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : bokopano jwa mokgatlho wa bana
Date : 09 Dec 2019