Breaking News

Botsogo jwa ngwana konokono

09 Dec 2019

Lephata la botsogo le boitekanelo le dirile go le gontsi go tlamela botsogo jwa ngwana.

Moemedi wa lephata leo, Dr Gasennelwe Gabakgore, o buile se kwa segopotsong sa letsatsi la botsogo jwa ngwana kwa Shoshong bosheng.

Dr Gabakgore o lebogetse bodiredi jwa kgaolo ya Shoshong go bo e ne ya re ba bona go kalwa le go tsaya mekento ga bana go sa nametse, ba seka ba rwala matsogo mo tlhogong.

O kopile setshaba go thusa lephata mo maitlamong a lone a go nyeletsa malwetse a a tshwenyang.

O ne a kopa borre go goga mmogo le bomme, go ikwadisa le go itlhatlhoba mmogo le gone go tsena tshidilo.

Dr Gabakgore o gwetlhile boo-babedi go ititaya ka thupana le go ipaakanyetsa boimana gore peo e ba e ntshang e nne ya tlhwatlhwa e ba ka tsogang ba ikgantsha ka yone.

O rotloeditse bo mmabana le borabana go itirela ka diatla le go lema, gore ba direle bana ba bone dijo, eseng go ikaega fela ka dijo tse di fiwang bana kwa kokelong.

A re dijo tse bana ba di fiwang kwa kokelong di diretswe go oketsa dikotla mo mebeleng ya bone, mme ka go tlhoka lesego di apeelwa bagolo.

O rotloeditse bodiredi jwa dikokelwana tsa Mahalapye le Shoshong go dira se se ka berekelang lephata go na le go dira se se tlwaelesegileng.

Ka jalo o ba kopile go dira thulaganyo tsa go fitlhelela dikgaolo tse di kgakala ka go supagetse fa batho ba tsiboga fa ba botsogo ba tlhaba mokgosi.

O kopile badiri ba lephata go itsaya motlhala go diragatsa megopolo e e isang pele, eseng go baa fela mo mananeong a puso, a re boipelego ke jone tlharabololo.

Mogolwane mo lephateng la Mahalapye DHMT, Mme Ruth Olebetse a re botsogo jwa ngwana ke botsogo jwa lefatshe, ka jalo o gateletse botlhokwa jwa go isa bana kwa kokelong, go ya sekaleng, go tlhatlhobelwa mmopamo le go ba tsenya mo lenaneong la PMTCT.

Mme Olebetse a re go na le dielo tse lephata la botsogo le di beileng, aa fa sekai ka go tsisa bana sekaleng, a re seelo ke 85 per cent, mme kgaolo ya Mahalapye e mo go 65 per cent, fa sa mekento e le 90 per cent, mme kgaolo ya Mahalapye yone e le mo go 80 per cent.

A re go sa dira sentle mo, go ka felela go dira gore bana ba tshabelelwe ke malwetse jaaka mmokwane le a mahatlha, a tlatsa ka gore mekento e direletswe go fokotsa dintsho.

Le fa gontse jalo, o ba akgoletse go bo ba dirile sentle mo go feng bana kotla ya Vitamin A.

A re o ngomola pelo ka ba santse ba itemogela diemo tsa bana ba ba tsholwang ka mogare, se areng se ka fenngwa fa bommabana ba ka ya dikokelong ka nako.

Kgosi Bonang Bonang wa kgotla ya Phaleng o ne a lebogela banni ba Shoshong go bo erile ba utlwa pitso ba iketeetsa ka makatanamane go tla go utlwa dithuto tse di amang botsogo le kgodiso ya bana ba bone.

O kopile gore ba gololesege go botsa mo go tseo tse ba sa di tlhaloganyeng, a bo a ba kopa go fetisetsa molaetsa kwa go ba ba tlhaetseng go tla pitsong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : segopotso sa letsatsi la botsogo

Date : 09 Dec 2019