Direlang setshaba le le seopo sengwe - mokwaledi
09 Dec 2019
Mokwaledi wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Motlogelwa Thuso, o gwetlhile makhanselara go direla kgaolo eo ba le seoposengwe.
O ba gwetlhile jalo kwa bokhutlong jwa ithuthuntsho ya malatsi mararo e e neng e itebgantse le go tlhatlhelela makhanselara ka ditsamaiso tsa khansele.
A re batlhophi ba ba romile ba batshepa ka jalo ba solofetse go le gontsi mo go bone.
Rre Thuso a re go ka nna thona gore e re morafe o ba romile ba bo ba sa diragatse thomo jaaka go tshwanetse.
O boletse fa bodiredi bo na le tlotlo e tona thata mo makhanselareng a re ba ikemiseditse go dira le bone.
A re e re ba filwe tlotla e tona ya go bidiwa batlotlegi, go maleba gore ba supe jalo ka go itsaya tsia le gone go ntsha maduo.
Rre Thuso o kgothaditse bodirelapuso go dirisanya le batlotlegi a re ba ba neele dithuso tse di maleba fa ba di tlhoka gore ba kgone tiro ya bone.
O kopile le one makhanselara go kopa thuso ba sosologile le gone go botsa fa ba sa tlhaloganyeng teng gore ba kgone go direla setshaba sentle le gone go ba fa dikarabo tse di maleba.
A re fa go na le diphoso dingwe tse di diragetseng mo nakong ee fetileng, go tshwanetse gore go baakanngwe.
A re kgaolo ya Bokone Bophirima e lebanwe ke dikgwetlho tse di ntsi mme o dumela gore fa ba tshwaragane ba ka di fenya.
O ne a supa sekai ka kgang ya moruthutha ya go tshwenya ga diphologolo a re go mo maruding a bone go batla ditsela tse ba ka rarabololang kgang eo ka tsone.
Mokgothatsi, Rre Onneile Thamuku, o supile fa ba ka kgona tiro ya bone fela fa ba nna ba botsa mo dilong tse ba sa di itseng, a re o lemogile fa batho ka bontsi ba sa batle go dumela gore dilo dingwe ga ba di itse.
A re konokono ya tiro ya bone ke go tlhabolola kgaolo le morafe, a tlatsa ka gore ba itse fa matlho a ba lebile gore ba ise kgaolo eo kwa mankalekaleng.
A re ba beele dipharologanyo tsa bone tsa diphathi kwa thoko mme ba lebagane le se ba se romilweng.
Mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule, o ne a ba tlhalosetsa ka ditsamaiso tsa khansele le gone gore di bereka jang.
O ne a ba tlhalosetsa gape ka maemo a khansele ka go tlhatlologana ga one gore fa ba batla thuso ba itse kwa ba ka simololang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : bokhutlo jwa ithuthuntsho ya malatsi mararo
Date : 09 Dec 2019