Breaking News

Kgokgontsho ya baratani e tshwenya thata kwa Mokoswane

08 Dec 2019

Mookamela sepodisi sa Mahalapye Central, Superintendent Boitshepo Modongo a re dikgang tsa kgokgontsho tse di amang baratani ga di robatse ba motse wa Mokoswane.

Fa a bua kwa kgotleng ya Mokoswane bosheng, Mme Modongo a re seemo seo, se ba tlamile go bitsa pitso, go ntsha dikgakololo mabapi le seemo seo. A re le ntswa dikgang di le teng mo metseng e mabapi, Mokoswane o tlhagelela beke le beke ka dipolaano tsa marato.

Mme Modongo a re dipalo di ile magoletsa, e bile di ama le bana tota. O kaile fa mo dikgweding tse tharo go nnile le dipego tsa go kgokgontshiwa di le lekgolo le masome a marataro le boferabobedi.

A re o tshwenngwa ke gore le fa dikgetsi tse di begelwa sepodise, morago ga malatsinyana bongongoregi ba kopa gore di tshololwe. A re se, se felela se dira gore badira molato ba felele ba sa otlhaiwa.

A re mo dikgetsing di le lekgolo le masome a marataro le boferabobedi, go tshwerwe babelaelwa ba le masome mane le boraro.

Mme Modongo a re go botlhokwa gore badira molato ba otlhaiwe gore ba kgone go lemoga diphoso tsa bone.

O rotloeditse borre go nna le lorato, ka e le bone ba di gogang kwa pele mo melatong eo.

Le fa go ntse jalo, a re go na le borre ba ba kgokgontshiwang ke bomme, mme ba sa ikuele go bona thuso. A re ntwa kgolo ke ya molomo, a tlatsa ka gore go tlhoka go bua, go felela go dira gore motho a hupediwe ke kutlobotlhoko mme a felele a dira molato.

A re dikgang tsa kgokgontsho di ama kgodiso ya bana, ka gore rre o kgona go bolaya mme, morago le ene a ikgapele botshelo, mme bana ba sale ba sena motlhokomedi.

Mme Modongo a re go botlhokwa go ikuela mo mapodising gore motho a kgone go thusiwa.

O rotloeditse banni ba motse wa Mokoswane go ikaega ka lefoko la Modimo ka le ka bopa mewa le setho sa bone.

O tlhalositse fa lefoko baratani le tshwanetse la apeswa ke lorato, kutlwano, le go tlhokomelana e seng go tuma ka dikiteo, tshololo ya madi le dipolaano.

A tlatsa ka gore mo loratong go tshwanetse ga nna monate, batho ba tshwanetse go buisana go rarabolola dikgotlhang.

Go ima ga bana le gone go tshwentse thata mapodisi a ofisi ya Mahalapye Central, ga bua jalo Mme Modongo. A re bontsi jwa bana ba emisiwa ke batho ba ba sa itsiweng, ka jalo dikgang ka bontsi di felele di sena motlhala.

Mme Modongo o rotloeditse batsadi go rwala boikarabelo jwa go godisa bana ka lorato, le go ba tlamela gammogo le go ba kgapha mo ditseleng tse di maswe.

O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa petelelo, a tlhalosa fa nnotagi le yone e na le seabe mo ditirong tsa borukuthi. Mogolwane go tswa kwa kgolegelon ya Mahalapye,

Mme Onnalenna Kalantle o gateletse botlhokwa jwa gore batho ba sidilwe maikutlo gore ba kgone go emelana le dikgwetlho tsa matshelo.

Kgosi ya motse wa Mokoswane, Rre Olatlhamang Ramontsho, a re ga ba robatswe ke seemo sa borukuthi mo motsing. Kgosi Ramontsh o gateletse gore seemo sa nnotagi mo motseng ke sone se se kuketsang dintwa le dipolaano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MOKOSWANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 08 Dec 2019