Breaking News

Tsayang karolo mo ntweng kgatlhanong le HIVAIDS

08 Dec 2019

Batswana ba gwetlhilwe go tsaya karolo le go bereka ba le seopo sengwe ga mmogo le go fetola boitshwaro jwa bone mo go tsa tlhakanelo dikobo e le maiteko go lwantsha bolwetsi jwa HIV/AIDS.

Mookamedi wa tsamaiso merero ya makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape o buile se kwa letsatsing la segopotso sa bolwetsi jwa HIV/AIDS, kwa motseng wa Mbalambi bosheng.

Rre Sakwape a re setlhogo sa letsatsi se se reng ‘Setshaba se dira pharologanyo’, se gwetlha setshaba, bogolo jang banana, makalana a a ikemetseng ka nosi, ba botsogo le baeteledipele ba merafe go itshekatsheka le go tsaya karolo mo go tsibogeleng dikgang tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS ga mmogo le botsogo.

A re puso e eletsa go bona ba dira pharologanyo, ba leka bojotlhe go laola le go lwantsha kanamo ya mogare ka gotlhe mo go ka kgonegang, a re go dira jalo go ka thusa gore dithuso dingwe tse di itebagantseng le botsogo di lebagangwe le matlhoki a mangwe.

Rre Sakwape o ne a supa fa puso e dirile maiteko a a bonalang  go lwantsha mogare wa HIV, a re mme e bile e tsweletse mo maitekong a yone a go fitlhelela dieelo dingwe tse e di itshegetseng go leka go lwantsha mogare le toro ya yone ya go o laola ka ngwaga wa 2020 mmogo le go o fedisa gotlhelele ka ngwaga wa 2030.

A re seo se ka kgonega fela fa batho ba ikiteile dihuba, ba tswa ka dikakanyo tse disha tse di ka thusang go tsibogela dikgang tsa botsogo le go seke ba letlelela ka gope gore go nne le ditiragalo tse disha tsa kanamo ya mogare.

Rre Sakwape o tsweletse a kaya fa lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng le tsweletse sentle.

Gontse go le foo, Rre Sakwape o ne a gakolola batsena letsatsi leo go tswelela ba itlhatlhobela mogare gangwe le gape, a supa fa ope yo o tshwarwang ka mogare a simolodisiwa diritibatsi ntle le tiego epe.

Le fa gontse jalo, a re go a tshwenya ka jaana bangwe ba na le mokgwa wa go sa obameleng ditaelo tsa ba botsogo, mme seo se felela se holodisa maiteko a go lwantsha bolwetsi joo.

Fa a nankola maikalelo a letsatsi leo, mogokaganya ditiro tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Chris Moseki o ne a tlhalosa fa e le go neela batho sebaka sa go itshekatsheka le go tswa ka maano a masha a a itebagantseng le dikgang tsa HIV/AIDS, ka maikaelelo a go gatela pele mo ntweng eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MBALAMBI

Event : Letsatsi la segopotso sa bolwetsi jwa HIV/AIDS

Date : 08 Dec 2019