Breaking News

Tsiane o tlhomilwe kgosi

08 Dec 2019

Ba Takatokwane ba tlhomile Visco Tsiane go nna kgosi wa motse wa bone.

Se se tla morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ebong Kgosi Motsiele Tsiane.

Fa a amogela baeng kwa tirong eo, Kgosi Kaisara Phuthego wa motse wa Maboane, o ne a iteela tiro eo legofi, a supa fa ba itumeletse gore e bo e kgonagetse.

Kgosi Phuthego o ne a supa fa go na le diphatlha tse dintsi tsa bogosi tse di tlhokang go kabiwa, a bo a kopa gore ba ntlo ya bogosi ba sekaseke kgang e ka jaana fa kgosi a ya malatsing a boitapoloso, go tlhoka yo a salang a mo tshwareletse.

Kgosikgolo wa Bakwena Kgosi Kgari III, o ne a supa fa erile Kgosi Motsiele Tsiane a sena go ba tlogela, ba nna le morero o moleele wa gore go ka tlhongwa mang mo setilong, mme a supa a ne a felela a nopola leina la ga Visco gore a tsene mo ditlhakong tsa ga rrraagwe.

O supile fa Kgosi Visco a ne a na le kwa a berekelang teng, mme ba ne ba tshwanela ke go mo tlogedisa tiro gore a tle go direla morafe wa gagwe.

Kgosi Kgari III o ne a supa fa Kgosi Tsiane a ne a dumela go tlogela tiro ka jaana a na le lerato mo go ba gagabo.

O kopile Kgosi Tsiane go dirisana le morafe wa gagwe sentle, ba gakololane gore ba tlhaloganye dikgwetlho tsa motse wa bone sentle. O kopile morafe go ema kgosi ya bone nokeng gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe sentle.

Modulasetilo wa ntlo ya dikgosi, ebile e le Kgosikgolo wa Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone, o ne supa fa a itumeletse go lalediwa go ya go tlhoma Kgosi Tsiane mo setilong, a supa fa a ithutetse tiro kwa sekolong sa Mahupu Junior kwa Takatokwane.

Kgosi Puso o ne gape a supa fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo go nna motlhokomedi wa batho, hela jaaka go tlhalosiwa le mo Baebeleng gore batho ba di tlotle le go boifa Modimo.

O tlhalositse fa motho a tsholelwa mo lelwapeng la bogosi a tshwanetse a supa ka setho, mekgwa le gone go tsamaya ga gagwe.

O tlhalositse fa kgosi e le pilara ya motse e morafe o ikaegang ka yone, a tlhalosa gape fa kgosi e le setlhare se se nniwang ke morafe moriti. O ne a tlhalosa gore fa morafe o rutegile le kgosi o rutegile ka jaana ba tlaa tlisa dikitso tse ba nang le tsone kwa kgosing gore di tswele motse mosola.

O supile fa tiro ya kgosi e tona e le go direla morafe wa gagwe le go nna sekao mo morafeng wa gagwe. O gakolotse morafe wa Takatokwane go gakolola kgosi ya bone sentle, eseng go mo timetsa le gone go mo rata.

Kgosi Puso o ba gakolotse gore fa ba ka tshwaraganela tiro ya bone le kgosi ba tlaa tlhabolola motse wa bone. Malomaagwe Kgosi, Rre Ebineng Soma o ne a gakolola Kgosi Tsiane gore a itse fa a ya go bereka le batho ba ditlhaloganyo tse di farologanyeng, mme a ithute go bereka le bone botlhe.

Rre Soma o ne a ntsha matshwenyego a dikgosi tse di nwang bojalwa phetelela mme di felele di palelwa ke tiro, mafoko a morafe o neng a iteela legofi. Tsala ebile e le modiri ka ene wa pele go tswa kwa komponeng ya Debswana, Rre David Dekoker o ne a kopa kgosi Tsiane go dirisa botsipa jwa kompone eo e bo mo rutileng. O mo kopile gape go ikanya Modimo go mo kaela tsela.

Fa a amogela thomo, Kgosi Tsiane o ne a supa fa a kwadile dintlha tse a neng a di rutwa gore a tle a di bale go mo thusa mo tirong ya gagwe. O supile fa a tlaa ikanya bagolwane ba gagwe gore ba mo gakolole fa a sa tlhaloganyeng teng ka ebile ba mmuletse mabati. O ne a leboga morafe le botlhe ba ba dirileng gore tiro eo e kgonagale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TAKATOKWANE

Event : Peo ya kgosi

Date : 08 Dec 2019