Breaking News

Motheo wa lelwapa o na le seabe mo kgokgontshong

08 Dec 2019

Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe a re motheo wa lelwapa o nale seabe se setona mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana.

O buile se, kwa tshimodisong ya malatsi a le lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana, segolobogolo dikgang tsa thubetso.

Letsatsi le, le ne le rulagantswe ke lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong le tshwaragane le mokgatlho wa bomme ba thapelo.

Fa amogela morafe o neng o tsile pitsong, Kgosi Tshipe o supile matshwenyego a gore, le ntswa tiro e, e le ya ngwaga le ngwaga, maduo ga a bonale.

Ka jalo, o rotloeditse banni ba Mahalapye go tsaya nako e, go gakololana ka se se tshwanetsweng go dirwa go lwantsha dikgwetlho tsa kgokgontsho ya bomme le bana.

A re ga go thuse go bua ka selo mo e feletsang  e kare ke pina, seemo sone se sa tokafale.

O kopile batsadi gore ba leke gore dikokomanetse di tlang di fitlhele kgokgontsho e fedile.

Mo godimo ga moo, o ne a tsibosa banni ka botlhokwa jwa go ruta bana kwa malwapeng go tlotlana.

A re setshaba se tshwanetse go itse gore, ‘lelwapa ke tshimolodiso ya sengwe le sengwe, ka jaana lelwapa ke lone le agang kgotla, kgotla e aga motse, motse o aga lefatshe.’

Kgosi Tshipe o gateletse gore go elwe tlhoko maatla a leina la ngwana ‘ka jaana le ka nna le seabe se setona mo go rotloetseng kgokgontsho.’

“Fa ngwana a ka nna mosimane a le nosi mo gare ga basetsana, o tla bitswa Kgosietsile, mme se, se mo fe maatla le dithata, lefoko la gagwe la ntlha e nne, kana ke Kgosi ya lona,” ga tshwaela Kgosi Tshipe.

E re le ntswa setshaba se ne se le boutsana, Kgosi o supile ngongorego gape ya gore borre ba ne ba tlile ka palo e potlana, mme ba amega thata mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana.

Ntlha e, a re e a tshwenya ka go feletsa go akarediwa borre botlhe gore ba amega mo go tsa kgokgontsho.

A re le borre ba ba siameng ba felela ba sa lemosege. O tlhalositse gape gore go botlhokwa gore borre ba rutane ka ditlamorago tsa kgokgontsno le go abelana mogopolo ya go e lwantsha.

Fa a ntsha la gagwe, Mookamela kgolegelo ya Mahalapye, Rre Shakani Thami o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontsho di tlhoka go tsibogelwa ke lefatshe ka bophara.

Rre Thami o galaleditse mafoko a ga Kgosi Tshipe, a supa fa ditsela tsa malatsing ano tsa kgodiso ya bana, le tsone di senya kagiso.

O itsisitse banni gore dikgang tse, di tlhokana le go reetswa mme tsa rarabololwa ka tsela e nitameng.

O tladitse gape ka gore, ‘se se botlhokwa ke go ruta kokomane e tlang go tshela le batho, ka go le botlhokwa gore bana ba itsane le bo kgaitsadiabone’.

A re dithubetso ga go tewe fela tsa mo mebileng, mme le kwa lwapeng di teng tsa batho ba tshela mmogo.

O gakolotse gore dikgang tse di botlhokwa gore di tswele mo mpepeneneng gore go nne le tharabolo.

“Go bipa dikgang tse ga go beye lefatshe mo kagisong. A re molato wa thubetso ya bomme le bana ke go ba ogola ditshwanelo tsa setho.

Erile a fa seemo sa dithubetso mo motseng wa Mahalapye, mookamela mapodise a Mahalapye, Rre Omphile Malemenyane, a supa fa dipalo di gogomosa maikutlo.

Rre Malemenyane a re kgokgontsho e ntsi e bile e diragala ka ditsela tse di farologaneng, gape e diragalela segolo bogolo bomme le bana.

O supile fa dithubetso tse di diragetseng mo sebakeng sa ngwaga go tswa ka Ngwanatsele 2018 go tsena jaana, di le masome a supa le borataro.

A re batswa setlhabelo go tswa kwa tlase ga ngwaga go ya go dingwaga tse di lesome le bofera bobedi ba masome mararo le bobedi. A re ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya ko go tse di masome a mararo le botlhano ba lesome le bosupa, fa ba dingwaga tse di masome a mararo le borataro go ya ko go tse di masome a matlhano ba le masome a mabedi le bosupa.

Dipalo tse, Rre Malemenyane a re di supa gore ba ba ko tlase ka dingwaga ke bone ba ba amegang thata.  Ka jalo, o kopile banni go nna le tirisano mmogo le mowa wa bojammogo, mo go tsibogeleng tshireletsego ya bone le ba malwapa a mabapi.

Mogolwane wa lekana la tsa bong (senior gender officer), Mme Keikantseone Gaowelwe a re maikaelelo a letsatsi le ke go tsibosa setshaba go ka boikarabelo jwa sone mo go lwantsheng kgokgontsho ya bomme le bana.

O tlhalositse gore se,se ka kgonagala fela fa batho ba ka itse gore ga se ntwa ya puso e le nosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : malatsi a le lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana

Date : 08 Dec 2019