Tona o ntsha taelo ya tlhopho ya bokhanselara
08 Dec 2019
Tona wa Merero ya Puso-selegae le Tlhabololo Dikgaolo, Rre Eric Molale o ntshitse taelo ya go tshwara ditlhopho mo kgaolwaneng ya botlhophi ya Shoshong.
Go ya ka pego ee tswang ko lephateng la botlhophisi, tlhopho e tlaa tshwarwa kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le lesome le bongwe ngwaga o o tlang
Pego e tlhalosa fa se se tla morago ga maleka a ditlhopho tsa bontlhopheng ba kgaolwana e ya botlhophi ka ditlhopho tsa botlhe tsa Phalane a tlhola masome a mabedi.
Pego e e tlhalosa fa motlhopisi mogolo a tlaa amogela maina a bontlhopheng kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome mabedi kwa sekolong se se botlana sa Otse.
E tswelela e tlhalosa fa maina a tlaa amogelwa go simolola ka nako ya boroba bongwe phakela go fitlha ka nako ya bongwe motshegare, le go simolola ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga bobedi go fitlha nako ya botlhano maitseboa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Pego
Date : 08 Dec 2019