Breaking News

Bana le bogole ba rutuntshiwa ka tsa kgwebo

08 Dec 2019

Ba-na-le-bogole kwa kgaolong ya Ghanzi ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go baya mo batsading le puso.
Mafoko a, a builwe ke mothusa Moloadi wa Ghanzi Rre Patrick Toteng fa a bula semmuso dithuto puisano tse di neng di diretswe ba-na-le-bogole ba kgaolo ya Ghanzi ke ba lephata la peeletso papadi le madirelo bosheng mo Ghanzi.


Rra Toteng a re dithuto puisano tse, ke sekao sa go akarediwa ga ba-na-le-bogole mo ditirong le mo tsamaisong ya itsholelo.A re ba na le seabe mo dithutong tse, ba botlhokwa thata mo go diragadiweng ga thomo ya go akaretsa ba-na-le-bogole.

A re puso e tseetse kwa godimo kakaretso ya ba-na-le-bogole mo thulaganyong ya yone ya ditlhabololo.Rre Toteng a tlhalositse   fa puso ka thulaganyo ya  tebelopele ya Setshaba ya 2036, lenaneo la ditlhabololo la bolesome le motso (NDP11)  le lenaneo la go nonotsha beng gae mo go tsa kgwebo la 2012 (Citizen Economic Empowerment Policy of 2012) e itebagantse le ba-na-le-bogole ele setlhopa se se faphegileng se se tshwanetseng sa fiwa ditirelo ka karetso ke batsaa karolo botlhe.


Mothusa Molaodi a re dipatlisiso tsa palo batho ya 2011 di supa  fa 2.92 per cent ya Batswana ba tshela ka bogole. Rre Toteng a re dipatlisiso di tswelela di supa fa ba-na-le-bogole ba sena kemedi e elekaneng mo go tsa kgwebo, mme ebile ba amilwe thata ke lehuma.


 A re  puso e tswelela ka go tlhomamisa gore ba-na-le-bogole ba fiwa dikitso tse di maleba le bokgoni gore le bone ba kgone go akola tsa itsholelo go ka tsamaisa dikgwebo tse di ka gaisanang.
Rre Toteng a re ba tlhoka go tlotlomatsa le go somarela ditshwanelo tsotlhe tsa ba-na-le-bogole le go ba akaretsa mo dikarolong tsotlhe tsa setshaba le ditlhabololo.


A re botlhe ba tshwanetse go tlhaloganya gore ba-na-le-bogole le bone ke karalo e e feletseng ya setshaba.


Mme Polly Lucas yo eteletseng pele lenaneo la ba-na-le-bogole mo lephateng la peeletso papadi le madirelo, o tlhalositse fa ba bone go le botlhokwa go rutuntsha ba-na-le-bogole ka bo tlhokwa jwa dikgwebo le go ba rotloetsa go tsaya mananeo a puso go fetola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Pulo semmuso dithuto puisano

Date : 08 Dec 2019