Lwantshang kgokgontsho - Kgosi Puleng
05 Dec 2019
Mothusa kgosi wa motse wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile dikgosi tsa kgaolo ya Letlhakeng go lwantsha kgokgontsho ya bong e e kekelang mo kgaolong ya bone.
O buile jaana kwa thuto- puisanyong ya kgokgontsho ya bomme le bana kwa Letlhakeng ka Labobedi, e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Bong.
Kgosi Puleng o supile fa melato ya kgokgontsho e bonala e oketsegile, a re se se dirwa ke gore mo malatsing a gompieno setshaba se tlalea badiramelato.
A re dikgang tse di ne di ntse di le teng, fela di ne di sa begwe.
A re setshaba jaanong go lebega se tsiboga, mme se se supa fa ba utlwa se ba neng ba se rutilweng ka kgokgontsho.
A re melato e e tlaa tswelela e gola mme fa e fokotsega, ba tlaa bo ba itse fa jaanong batho ba rutegile.
Mogolwane wa ofisi ya Bong kwa Molepolole Mme Gorata Ntshwabi o ne a supa fa kgang ya kgokgontsho ya bong e ama mongwe le mongwe, ke sone se dithuto di tshwarwang lefatshe ka bophara.
O tlhalositse fa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana a simolotse Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano go fitlhelela Sedimonthole a le lesome.
Mme Ntshwabi o tlhalositse fa ba itebagantse le kgokgontsho ya ba-na-le bogole ka jaana le bone ba betelelwa, a bo a tlhalosa fa ba kgona go ima ba sa itse mong wa mpa.
O supile fa ba tshwere thuto- puisanyo e le dikgosi ka jaana ba kopana le dikgang tsa mofuta o thata kwa tirong ya bone.
O ne a tlhalosa fa tekatekano ya bong e le kgang ya morero mme e se go tseela borre dithata mo malwapeng jaaka bangwe ba akanya.
Mme Ntshwabi o tlhalositse gore ntswa bomme ba kgokgontshiwa thata, borre le bone ba a kgokgontshiwa mme ka dipalo tse di kwa tlase.
O supile fa borre ba na le boboi jwa go bega kgokgontsho ka jaana ba re ba jewa setshego fa ba leka go ikuelaa, a bo a supa fa mapodisi a tokafaditse ditirelo tsa bone ka go amogela dikgang tsa kgokgontsho mo lefelong le le faphegileng ba sa tseise dikgang phefo gore baikuedi ba tle ba phuthologe.
O tlhalositse fa bomme ba amogelwa ke bomme kwa sepodising fa ba tlalea dikgang tsa kgokgontsho, fa borre le bone ba amogelwa ke borre.
Mme Ntshwabi o tlhalositse fa batho botlhe ba tshwanetse go amogela gore kgokgonthso e teng ba bo ba itse fa e le tiro ya mongwe le mongwe go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Inpector Setlalepula Kelekwe o ne a supa fa kgokgontsho e godile thata mo kgaolong ya Letlhakeng, a supa fa melato e mentsi e diragala mo bananeng ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa go tse di masome mabedi le botlhano.
O supile fa melato ya go tshosetsa go bolaya e ne e le mebedi ka 2018 fa monongwaga e setse e roba bobedi mo bogompienong.
Molato wa go thubetsa le go leka go thubetsa o godile go tswa kwa go e meraro ka 2018 fa monongwaga e setse e le lesome le borataro.
Inspector Kelekwe o supile fa molato wa go thubetsa bana e le mene monongwaga, fa o dikile o le mongwefela ngogola.
Fa a tsibogela kgang e, kgosi Benjamin Bogosi wa Khudumelapye o ne a supa fa e se la ntlha ba tshwarelwa pitso e, mme a ngongorega gore dikgosi tsa motse wa Letlhakeng di nna di seyo, a bo a kopa gore nako e e tlang di bidiwe le tsone di tle go itseela ka tsebe.
Kgosi Bogosi o kopile gore go nne le pitso e e akaretsang botlhe gore ba tle ba atolose kgang e ba le mmogo e le borre, bomme le bana. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : thuto puisano
Date : 05 Dec 2019