Breaking News

Lekoko la Fokotsa Dino le anamisa moono

04 Dec 2019

Ba lekoko la Fokotsa Dino ba gakolotse setshaba gore ba seka ba itshiela fa ba kgweetsa go hema dikotsi le dintsho. 

Lekoko le, le le neng le dirile dikganedi tsa tsela mo tseleng ya Serowe-Letlhakane bosheng, le kaile fa tsela ya Serowe-Letlhakane e gapile matshelo a batho ba le mokawana, selo se se ba gwetlhileng gore ba leke go tlhoafalela thuto.

Lekoko leo, le le kopantseng maphata a puso ka go farologana, le ruta bakgweetsi go ipabalela mo tseleng, bogolo jang ka malatsi a a tlang a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.

Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane mo lekokong la Fokotsa Dino, Mme Gosego Mmamosipidi o ne a re badirisa tsela ba itontela dino le ditagi fa ba tsaya maeto a maleele, selo se a reng se tsala letsapa mme ba felele ba bakile dikotsi tse di masisi tse di gapang matshelo a batho.

O gakolola gore go botlhokwa gore fa mokgweetsi a ikutlwa a lapile a fapoge a ikhutse mme fa letsapa le fela ke gone a ka lekang tsela mme ka lebelo le le lekanetseng.

Mogolwaane o boletse fa tsela eo e na le leruo le le ntsi, bogolo jang bosigo.

O boletse fa go na le ditagi dingwe tse di sa tlatlamelelweng mo Botswana mme di tla ka makatlanamane jaaka cocaine, marijuana, Mandrax le tse dingwe.

Mapodisi fa ba santse ba duba thankga kwa ditseleng, malwapa a a thubega fa baratani le bone e le nako e ba tlhokang kutlwisisanyo ba lwa fa bangwe ba bolaana.

Mo dikganeding ba abela batho metsi le go ba fa melaetsa ya go ipabalela fa ba kgweetsa gammogo le dikhondomo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 04 Dec 2019