Molaodi o akgola makhanselara
04 Dec 2019
Molaodi wa bokone bophirima, Rre Keolopile Leipego o kopile makhanselara a a masha go diragatsa thomo e morafe o boneng go tshwanela go ba e neela ka go ba tlhopha go ba emela kwa khanseleng.
Rre Leipego o buile seo jaaka a ne a ikanisa makhanselara a masha a a tlhophilweng ke setshaba le a a itlhophetsweng ke tona wa dikgaolo le tlhabololo matshelo, kwa Maun bosheng.
Khansele ya bokone bophirima e ne e ikanisa makhanselara a le masome a mane le bosupa mme mo palong eo a le masome a mararo le boferabongwe a tlhophilwe ke setshaba fa a fera bobedi a itlhophetswe ke tona.
O ba kopile go diragatsa thomo ya morafe ka botswapelo, a supa fa morafe o solofetse go le gontsi mo go bone, bogolo jang go dira ditlhabololo mo kgaolong.
Khansele eo e dirwa ke dikhansele-potlana tse pedi ebong ya Okavango le ya Maun.
E ne e rile go le pele, mokwaledi wa khansele, Rre Motlogelwa Thuso a tlhalosa fa go ikana ga bone go ba fa tlotla ya go bidiwa batlotlegi.
O ne a kopa makhanselara go gololesega go dira thomo ya bone sentle.
O gwetlhile makhanselara go diragatsa se ba se ikanetseng, a re ba dire dilo ba sa sokomela ntlha epe.
A re ba tsee mafoko a ikaniso ka tlhoafalo e bile ba a diragatse fela jaaka ba ne ba a bua.
Mo ikanisong ya bone, makhanselara a supile fa ba tlaa dira tiro ya bone ka matlhagatlhaga, mo pontsheng le ka tlotlo.
Le fa go ntse jalo, Rre Thuso o boletse fa morago ga maikano, makhanselara a tlaa tsena ithutuntso go tsibosiswa ka tse di solofetsweng mo go bone.
Ithutuntsho eo e tlaa wela gompieno mme e re kamoso go tshwarwe phuthego e e faphegileng kwa makhanselara jaanong a tlaa tlhophang modulasetilo wa khansele e tona, mothusi wa gagwe ga mmogo le baduladitilo tsa dikomiti tsa khansele.
O boletse fa morago ga tiro eo, dikhansele- potlana di tlaa nna le sebaka sa go itlhophela baeteledipele.
E re dikgang di eme jalo, mo ditlhophong tse di sa tswang go wela, makhanselara a phati ya Umbrella for Democractic Change (UDC) a tlhophilwe ka bontsi.
Mo palong ya masome a mararo le boferabongwe ba phathi ya Botswana Democratic (BDP) ba fera bobedi.
Seo se raya gore makhanselara otlhe a BDP a lesome le borataro fa ba kopana le ba ba itlhophetsweng ke tona mme bontsi e nne jwa UDC. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Ikaniso ya makhanselara
Date : 04 Dec 2019