Meamuso ke ya tshaba yotlhe
04 Dec 2019
Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Eric Molale o gwetlhile makhanselara a bokone bophirma go bereka ba le seopo sengwe le ntswa ba farologana ka diphathi.
A re ba tshwanetse ba eteletsa dikeletseo tsa batlhophi kwa pele ka jaana e le bone ba ba fileng boikarabelo jwa go ba direla.
Tona o buile jalo kwa ithutuntshong ya makhanselara, a re ba tlhaloganye gore nako ya go ngatana ka mafoko e fetile mme go tsene ya go direla setshaba.
A re ba itse fa meamuso ya lefatshe leno e le ya botlhe, ka jalo ba rwele boikarabelo jwa go netefatsa gore batlhophi ba bona ditlamelo le ditirelo tse di maleba.
Rre Molale a re ba diragatse maitlamo a bone fa ba ipapatsa ka jaana ba ne ba solofetsa batlhophi gore ba tlaa tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone
A re o itumeletse gore a bo a tlhophilwe go nna tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magage ka jaana a tsile go bereka le bone ka mowa o le mongwe.
A re o tsile go rurifatsa gore tsotlhe tse ba di solofeditseng batlhophi di a dirwa jaaka go bula diphatlha tsa mebereko, go dira ditlhabololo le gone go diragatsa mananeo a puso ka maikaelelo a go tokafatsa matshelo a batho mo gae.
Rre Molale o tlhalositse fa ba ikaelela go netefatsa gore sepe se se dirwang se salwa morago gore se dirwe sentle.
A re ba tsile go simolodisa tsamaiso ya go sekaseka gore ditiro tsa puso di dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
A re tiro eo e tlaa nna mo maruding a dikgosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dikomiti tse dingwe tse di lebaneng.
Mogopolo oo a re o santse o tlaa rerisiwa dikhansele tsotlhe ka a dumela fa o siametse botlhe.
Mokhanselara wa Sedie Rre Galebine Kaukapita o ne a leboga gore Rre Molale o tlhaloganya tsamaiso ya lephata ka a kile a bereka ka lebaka mo go lone.
O tsweletse a re ba eletsa go isa kgaolo go lo gongwe, mme a re ba ka dira jalo fela fa tona a ka baema nokeng mo go tse ba batlang go di dira.
Rre Kaukapita o boletse fa makhanselara a le malalaalaotswe go diragatsa thomo ya khansele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Ithutuntsho
Date : 04 Dec 2019