Ditshupo tsa Sherwood di senola botswerere
03 Dec 2019
E setse ele ngwaga wa botlhano ditshupo tsa Sherwood di ntse di tshwarwa, maikaelelo e le go supa botswerere ka ditiro tse ba di itlhametseng .
Morulaganyi wa ditshupo, Rre Shimane Kgakgala a re ditshupo tse, ke tsa bolesome le bongwe, mme di simologile ka 2015 di tshwarwa gabedi mo ngwageng; mariga le selemo, go rotloetsa bagwebi ba ba botlana.
Ditshupo tse, di simolotswe ke Mme Kae Ferguson le Mme Matildah Goosen morago ga go lemoga fa bontsi jwa banni ba kgaolo ya Tswapong e le ditswerere tsa go itirela ka diatla mme go sena kwa ba rekisang di-tsa bone teng.
Mono ngwaga, ditshupo tse tsa setlha sa bobedi, ga di a atlega jaaka tsa setlha sa ntlha sa mariga, a re seo go lebega se bakilwe ke go kopana le Labotlhano yo montsho.
Rre Kgakgala a re le tsone disupiwa di ne di le boutsana, segolo jang merogo le maungo.
O supile fa bontsi jwa banni bo ne bo sa dire gope, ka nako ya go simolodisiwa ditshupo mme go ne go lebeletswe bokgoni le botswerere jwa banni ba Motlhabaneng kwa kgaolong ya Bobirwa ba ba itshetsang ka go loga ditlatlana.
Rre Kgakgala o tlhalositse fa ditshupo di ne tsa simologa di le boutsana mme tsa gola le dingwaga mo nakong eno diketemelwang ke metse, ditoropo le beng ba dipolase tsa maungo le merogo. A re ba rotloetsa thata gore disupiwa e nne tse di dirilweng ke motho ka sebele.
A re ngogola ba ne ba na le metlaagana ya disupiwa le ba ba rekisetsang mo dikoloing ba ka nna 75 le ka nako ya mariga mono ngwaga, mme a re mo nakong e no ba ne ba solofetsa go nna le metlaagana le ba dikoloi ba ka nna lekgolo.
Rre Kgakgala o supile fa letsatsi leo le le botlhokwa, segolo jang mo go ba ba rekang maungo le merogo kwa dipolaseng ka ba abo ba di a tumeditswe.
Francistown, Gaborone, Mahalapye, Lerala le Maunatlala ke mengwe ya metse e e neng e na le kemedi.
Mongwe wa batsena moletlo, Mme Ogomoditse Phenyo a re o sale a simolotse le moletlo oo ka 2014, mme a supa fa one o atlega mme mo nakong eno o bona o wela tlase ka bonya ka bonya.
A re go nna teng ga dikgaisanyo tsa khupelekhupe le metshameko ya bana ke sengwe se se kgothatsang bana go nna teng ka bontsi.
O bile a ngongoregela theko e e kwa tlase a re ba ya go boa ba iphotlhere. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Sherwood
Event : Ditshupo
Date : 03 Dec 2019