Breaking News

Go betla go tswa goo Lowe

03 Dec 2019

Go betla ke tiro ya diatla e e tswang bogologolo thata e ntse e dirwa.

Ntswa tiro e ekare e a nyelela, Batswana bangwe ba santse ba e tshwere e bile ba ipela ka yone.

Bangwe ba a betla ba bo ba rekisa fa bangwe ba betla fela go dirisa tse ba di betlileng mo malwapeng. 

Go betla ga go motlhofo jaaka motho a ka akanya mme go tlhokana le go nna kelotlhoko le go nna motho a itlhokotsa kgapetsakgapetsa gore a kgone go betla tse di elediwang ke batho. 

Rre Keledi Ntwaagae wa Mmashoro yo o dingwaga di 64 ke mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile ba itshetsa ka gone.

Fa o tsena mo Mmashoro ga gona monni yo o sa mo itseng ka tse a di betlang di tshwana le dikika, metshe, dintshwana, diphetlho le mehinyana.

Rre Ntwaagae a re tiro e ya go betla o e ithutile mo go ntsalae ka a ne a nna le ene a santse a le monana. A re gore motho a kgone go betla ga a tlhokane le didirisiwa tse dintsi mme o tlhokana le petlwana le setlhare se se omeletseng se tshwana le sa mokoba, morula le motswere mme o tshwanetse a itse gore setlhare sefe se dira eng.

O ne a tlhalosa fa go betla go dirwa mariga ditlhare di omeletse. A re morula go dirisiwa o o sa ungweng mme o dirisiwa go betla dikika. A re o kgona gape go dirisa motswere go betla dikika.

Rre Ntwaagae o ne a tlhalosa fa mokoba o o metsi o kgona go betla metshe.   

A re tiro ya go betla ga e dirwe ke mongwe le mongwe ka motho yo o betlang a tshwanetse a betle se se elediwang ke batho e bile se lebega. 

A re dikika le metshe ke dingwe tsa tse a di rekisang thata ka banni ba Mmashoro ba rata go setla mabele.

Ntswa Rre Ntwaagae a rata go betla, o ne a ngongorega ka go re tiro ya go betla ga e na madi a mantsi, a bolela fa motshe e le P50 mme kika e nnye e e kgonang go setlela digwapa e le P100. A re kika e tona o e rekisa ka diphoisane tsa mabele di le pedi.

O ne a supa fa a rekelwa thata ke banni ba motse wa gagwe le maphata a puso. A re ba ba rekang mo go ene ba kgona go mmolelela gore ba batla eng mme a bo a se dira.

Rre Ntwaagae o ne a supa matshwenyego ka ditlhare dingwe di tshwana le sa mokoba se a bolelang fa a sa se bone thata ka se rengwa thata e bile bangwe ba ba agelelang dipolase ba se dirisa thata.

A re bangwe ba ne ba fiwa dipolase fa setlhare seo se leng sentsi teng mme ba felela ba se ageletse mo dipolaseng tsa bone jaanong ga go motlhofo go se bona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mmashoro

Event : Potsolotso

Date : 03 Dec 2019