Breaking News

Go ikgapela botshelo go a kekela kwa Tsabong

01 Dec 2019

Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi David a re go ikgapela botshelo go a tshwenya kwa kgaolong eo, segolo bogolo mo go borre.

Superintendent Tlhapi-David o tlhaloseditse BOPA fa mapodisi ba gatisitse dikgang tsa go ipolaya di le nne fa e sa le ngwaga o simologa go fitlha gompieno fa ngwaga o o fetileng e ne e le nngwe.

A re go le gantsi borre ke bone ba ba amegang mo dikgannyeng tsa mofuta o, tse di bakwang ke go tlhoka kutlwisisano tsa baratani, bogolo jang banana ba dingwaga tsa masome a mabedi le boraro go ya kwa go tse di masome a mararo le bone.

Superintendent Tlhapi-David o supile fa mo gongwe e le dikgotlhang mo go ba ba amegang le masika, selo se a reng se felela se baka dintwa tse di felelang ka go ikgapela botshelo.

A re borre fa gongwe ba swa senku ba tlhoke go kopa thuso mo go ba ba lebaneng jaaka dikgosi, baruti, mapodisi, masika le ditsala tsa bone mme motho a felele a tsaya tshwetso e e tsisang kutlobotlhoko mo lwapeng.

Superintendent Tlhapi-David o boletse fa dintsho tse di kokonela puso ka go tlhokomela batsadi le bana, segolo bogolo fa yo o tlhokafetseng e ne e le ene motlhokomedi mogolo.

O ne a kopa borre go ikgapha le go laola maikutlo ka go kgaogana le motho e se bokhutlo jwa botshelo.

Superintendent Tlhapi-David a re mapodisi a simolodisitse letsholo la malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le  kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, ipabalelo tseleng le borukutlhi go simolola Ngwanatsele a le masome a mabedi le botlhano go fitlha Sedimonthole a le lesome.

A re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e teng kwa kgaolong ya gagwe le dipetelelo tsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse gantsi dikgang tsa teng ba di tshwaraganelang le ba boipelego.

O kopile borre go tsaya boikarabelo ka go aga, go bopa le go sireletsa bana, ba tshwaragane le bomme.

Superintendent Tlhapi-David o kaile fa borre le bone ba kgokgontshiwa ke bomme mme ba tlhoke go ikuela ka ba re boikuelo jwa bone ga bo tsewe tsia le fa seo e se boammaaruri ka mapodisi ba tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 01 Dec 2019