Balemi ba pitikolola mmu
01 Dec 2019
Balemi ba kgaolo- potlana ya Serowe ba semeletse, go pitikolola mmu go leleka bokgola.
Leruo le lone le simolola go tsenya nama ka naga e apere kobo e tala, e dule mo go e tshetlha ele.
Ditonki di a bopa, dinamane di ja mokaragana, kgwathe ene o bobile ka o tshaba go jewa nama.
Moanamisa mafoko wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo kwa kgaolong ya Legare, Rre Clifas Kemiso o tlhaloseditse BOPA fa e le semphete ke go fete mme nonyane ya motsoga pele e tlaa ja se se nonneng.
A re masimo ka bontsi a setse a le mahibidu le mororo go ise go nne le ba ba begileng fa ba setse ba lemile ka go santse go tsweletse.
Ka temo-thuo e le mmamoratwa, ga go ope yo o batlang go salela morago, puso le yone e boletse fa e rebotse gore ba ba neng ba sa kgona go ikwadisetsa go phaka peo, ba thusiwe.
Rre Kemiso o boletse fa balemi bangwe ba na le go tlhoka go ikwadisetsa go phaka peo ka pelaelo ya gore pula e tlaa nna boutsana.
A re ikwadiso e thusa lephata go itse gore go tlhokega peo ya selekanyo se se kae, ka bokae nako e santse e le teng.
Rre Kemiso a re gompieno lephata le kgaogelwa ke setlhako le batlela batho dipeo.
A re bangwe ba diretswe dipamphitshana tse ba tlaa tsayang dipeo kwa marikisetsong ka tsone.
A re sebe sa phiri bangwe ba fitlhela di seyo mme seo se phirimise dikeletso tsa bone tsa go lema ka nako go tshwara bokgola.
O boletse fa balemi ka bontsi ba bolela fa bokgola mo mmung bo santse bo le teng mme e bile kwa masimong mangwe ditshukudu tsa temo di totomela.
Rre Kemiso o rotloeditse balemi go ikanya go lema mabele le dinawa go na le mmidi, a bolela fa mmidi o tshabelelwa ke letsatsi thata mme mabele a kgona go itshwarelela.
A re balemi malatsi a no ga ba rate go lema mabele ba batla mmidi le fa ba bolelelwa ka fa o tshabelwang ke letsatsi ka teng.
Rre Kemiso o boletse fa ba le malala a laotswe go batla ba ba tsileng go thusa balemisi ka nakwana go meta boleme jwa masimo morago ga go lema.
O akgotse beng ba diterekere go thusa balemisi go ba pega ba ya go bona masimo, a bolela fa lephata le tlhaelelwa ke dikoloi.
Seo a re se dira tiro motlhofo mo lephateng gore balemi ba duelwe ka nako.
A re kgaolo ya Serowe e na le ditema di le 17 000 mme gantsi go lengwa 10 000 fela fa diterekere di le 179. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 01 Dec 2019