Breaking News

Borre ikgapheng mo go okiseng bana

01 Dec 2019

Borre ba gakolotswe go ikgapha mo go meletseng bana ba basetsana mathe mme ba tsee boikarabelo jwa go ba tlhokomela le go ba sireletsa.

Mafoko a, a builwe ke mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David mo letsholong la go tlhagisa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba le setshaba ka kakaretso go tsaya kgato kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana mo malatsing a a lesome le borataro a a setseng a simologile, ka e le bone ba ba pegang tsatsi le tsatsi go ba isa dikoleng.

Superintendent Tlhapi-David fa a buisana le bakgweetsi kwa maemelong a dikoloi tsa setshaba kwa Tsabong bosheng, o ba gakolotse go fetola boitshwaro jwa bone ka go ikgapha mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, petelelo le go ba phoraphora.

O tlhalositse fa ba begetswe dikgang tsa petelelo di fera bongwe ngogola fa ngwaga ono di le lesome le boferabobedi fa tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di ne di ferabobedi ngogola mme ngwaga ono di le lesome le ya go phoraphora e le nngwe ngwaga ono.

O kopile borre go itshekatsheka mme ba boele morago dikakanyo tsa bone tse di seng maleba ka seo se ka thusa bomme le basetsana go tshela ba phuthologile.

Fa a itebaganya le molao wa bana, Sargent Keabaleboga Gaoakanye o ngongoregetse go itlhokomolosa molao wa bana wa 2009 ke borre ka o ba gwetlha go tlhokomela bana ba bone ka fa go tshwanetseng ka teng, go tlhomamisa gore ba bona tsa botsogo, thuto, dijo le diaparo le go ba fa lorato ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore ba kgaogane le bommaabo.

Sargent Gaoakanye a re le fa molao o letla borre go kwalwa mo ditlankaneng tsa bana tsa matsalo bangwe ba felela ba baya morwalo otlhe mo go bomme ba sa tlhokomele bana.

A re go mo maruding a bone e le batsadi ba bana go ela tlhoko gore bana ba babalesegile le gore ba seka ba felela ba wetse mo diatleng tsa dinokwane kana masika a a sa ikanyegeng.

Sub Inspector Irene Motaung go tswa mo lekalaneng la pharakano o gakolotse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go obamela melao ya tsela, go kgweetsa dikoloi tse di itekanetseng ka pabalesego ya setshaba e le mo diatleng tsa bone.

Sub Inspector Motaung a re bangwe bakgweetsi ga ba shafatse diteseletso tsa bone tsa go kgweetsa, ga ba netefatse gore a dikoloi di itekanetse le gone gore a ba na le tsotlhe tse di tlhokafalang jaaka ditima molelo.

A re ba tlotle tiro ya bone ka go apara sentle e bile ba nne phepa fa ba ya tirong ka seo se ka ba ngokela bapalami.

A re bakgweetsi bangwe ba tlola molao ka go duedisa setshaba ditlhwatlhwa tse di sa letlelesegeng le go duedisa tlhwatlhwa e e haphegileng ya motho a le mongwe go na le go pega palo e e lekaneng ya bapalami ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Sub Inspector Motaung o ba rotloeditse go tlhomamisa gore dithoto tsa bapalami di babalesegile, ba sa pege bana ba ba sukaganya le go tila dikgogakgogano magareng ga bone le setshaba.

Mongwe wa bakgweetsi, Rre Nature Ntau a re ba tlaa itshekatsheka, go fetola boitshwaro le go tiisa tirisano mmogo ya bone le bana, bogolo jang ba basetsana.

A re go boammaruri bangwe ba ba tlakisa ka tse di farologanyeng tse di ba kgatlhang.

Mme Mpoletsang Mabe a re le fa baithuti ba gompieno ba gola ka pele, e le batsadi ba tshwanentse go tsenya bana mo tseleng le go ba ruta botho, maitseo le ka fa ba tshwanetseng go apara ka teng. Ends

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 01 Dec 2019