Masole a fetola botshelo jwa support group
28 Nov 2019
BDF Bands in Concert Style e fetotse botshelo jwa ba Pelegano Support Group mo motseng wa Makaleng morago ga go ba abela P20 000 go tsamaisa mananeo a lekalana la leo.
Pelegano Support Group ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi (NGO), o o saleng o tlhamilwe ka dingwaga tsa 90s go thusa bagodi, ba na le bogole le ba ba sa itewang letsogo.
E re ka BDF bands e ne e gatile mo kgaolong ya Bokone Botlhaba mo Masunga e le lwantlha, ba ne ba tlogela motlhala mo kgaolong ka go tlhopha Pelegano go akaretsa mekgatlho yotlhe ya bopelotlhomogi e le masome a roba bongwe mo Botswana, e e tlaa akolang go abelwa madi ke ba sesole monongwaga.
Mo potsolotsong le BOPA kwa moletlong wa maitiso, modulasetilo wa Pelegano, Rre Dickson Moatswi o tlhalositse fa mpho e ya P20 000 e tlaa fetola botshelo jwa mokgatlho ka ba ntse ba sokola ka go o tsamaisa ka ntlha ya letlhoko la madi.
Rre Moatswi o buile fa maikaelelo a bone e le go sidila batho maikutlo le go tlhokomela bagodi le ba-na-le bogole.
A re mo nakong ya gompieno mokgatlho wa bone o tlhokomela batho ba le bantsi, ka go ba fa maele a go itirela ka diatla le go abela ba ba tlhokang dijo le melora kgwedi le kgwedi.
Modulasetilo o tlhalositse fa Pelegano e sa kgetholole ope, ka jalo ba sa thuse banni ba Makaleng fela, mme ba akeretsa ba Botalaote, Toteng le Matenge.
Rre Moatswi o supile fa batho ba metse e ba tsewa phakela le phakela go ya kwa Makaleng, go ya go ruiwa ditiro tsa diatla jaaka go roka diaparo, go bopa dinkgwana le tse dingwe.
O supile fa mo nakong ya gompieno ba sokola go tsamaisa Pelegano ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ka ba ikaegile ka madi a a tswang kwa baabing.
O tsweletse ka go bua fa ba itumeletse mpho e go tswa mo go ba sesole sa Botswana, ka e tlaa ba totobisa lobaka, segolo bogolo go tshela koloi ya mokgatlho leokwane, e e tsayang batho moso le moso go ya kwa madirelong kwa Makaleng.
Mogolwane wa sesole sa Botswana, Brigadier Joseph Seelo o buile fa ba itumeletse kamogelo ya banni ba Masunga le metse e e mabapi.
O tlhalositse fa maikalelo a moletlo o wa maitiso e le go kokoanyetsa mekgatlho ya bopelotlhomogi madi, ka jalo go ba itumedisa fa Batswana ba tsenelela maitiso a.
Brigadier Seelo o tlhalositse fa Masunga a ba makaditse thata ka tshologelo e e kwa godimo ka e ne e le santlha BDF band e dira maitiso mo kgaolong.
A re se ke sesupo sa gore batho ba Bokone Botlhaba ba ntse ba ba nyoretswe ka e bile ba gaisitse le mafelo a mangwe a moletlo o o tshwarwang kwa go one ngwaga le ngwaga.
O buile fa ba sesole sa Botswana ba isa moletlo o kwa Batswaneng, se e le go kokoanya madi go abela ba ba tlhokang, ka jalo go ba baya pelo fa Batswana ba amogela moletlo o ka mokgwa o.
Brigadier Seelo o ne a bua fa maitiso a a le se a leng sone ka Batswana ka e le bone ba duelang.
A re e le ba sesole sa Botswana, ba solofela fa mpho e ya madi e tlaa solegela ba Pelegano molemo gore ba kgone go tsamaisa dithulaganyo tsa mokgatlho, se e le go thusa Batswana.
O tlhalositse fa maitiso a a godile thata mme fa nako e ntse e tsamaya ba tlaa tshwarela kwa mabaleng a matona a metshameko gore Batswana ba tle ka dipalo. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Masunga
Event : Potsoloso
Date : 28 Nov 2019