Breaking News

Tlhokomelang bana PTA

28 Nov 2019

Modulaeitilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Moremi o gwetlhile batsadi go tlhokomela bana.

Rre Oarabile Pema o buile jaana kwa moletlong wa go alosa bana ba ba neng ba sugelwa go dira lokwalo lwa ntlha bosheng.

Rre Pema o ne a supa fa go tlhokomela ngwana a sale mmotlana go ka mo thusa go ntsha maduo a mantle mo dithutong le go nna le bokamoso jo bontle.

Rre Pema o ne a tlhalosa fa a lemogile gore batsadi bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa go tlhokomela bana.

A re batsadi ke bone pinagare ya malwap,a ka jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore malwapa a bone a tsamaisiwa sentle go akaretsa le yone kgolo le tlhokomelo ya bana.

Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tsaya kgang eo tsia, a re ke boikarabelo jwa bone go bona gore bana ba gola sentle le gone go rurifatsa gore ba dira sentle kwa sekoleng.

O ne gape a kgothatsa batsadi ba bana ba ba neng ba aloga go tlhoafalela go ba tlamela ka dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang gore ba akole tshwanelo ya bone.

A re fela jaaka ba eletsa go gola le gone go tlhatlhosiwa maemo kwa ditirong, ba tshwanetse go dira seo le kwa malwapeng ba godise bana sentle gore kamoso ba ipelafatse ka bone. 

Rre Pema o ne a tlhalosa fa lelwapa  e le seipone sa motsadi mongwe le mongwe,  ka jalo a gwetlha batsadi go lemoga seo le gone go dira dilo sentle.

Morutabana wa lekwalo lantlha, Mme Ikanyeng Mokgotetsi o ne a akgolela puso go tla ka lenaneo la go suga bana pele ga ba simolola sekole, a re seo se tlhofofaletsa barutabana tiro ka jaana bana ba tla ba sugegile le jone boboi, go lela go fedile mme ba kgone go tsaya karolo mo dithutong ka tshosologo. 

A re go a itumedisa ka jaana batsadi ka bontsi ba le ratile e bile ba kwadisa bana ka dipalo tse di nametsang.

A re thulaganyo eo e thusa batsadi ba ba sa kgoneng go isa bana kwa dikoleng tse di duelelwang.

O galaleditse barutaba ba lenaneo leo a re ba dira tiro e ntle mme a ba kopa go tswelela ba dira ka natla. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : KALOSO YA BAITHUTI

Date : 28 Nov 2019