Senyetse di apesitse Serowe kobo ka letshoba
28 Nov 2019
Selo se pula Motswana o ne a bone a re ke madira dintle le tse di maswe.
Se se boammaruri ka e rile go itumela ga balemi-barui kwa Serowe le dikgaolo tse di mabapi morago ga go amogela dipula tse di neleng ka mashetla bosheng, ditshidi le dimela le tsone tsa phophoma mme tsone di tlhokile fela melomo go dueduetsa.
Tsholofelo ke gore bana ba tlaa selasela morogo wa thepe le rothwe kwa matlotleng a masaka le dikgomo di tlaa sisa mashi e nne ntletsentletse, bogobe go jewe jwa legala jo bo sa tlhokeng seshabo.
Balemi ba simolola go baakanya megoma, dikei le dikeetane, fa ba ditshukudu tsa temo ba di nonotsha gore letsema le bolole.
Ga go felele foo, go tshelegela ga pula go ne ga tla le ditshidinyana jaaka dinyetse tse modumo wa tsone o thibang ditsebe
Dinyetse tse ga di tshwane le tse di itsegeng.
Senyetse gantsi se itsege ka go tserema fa go letsatsi le lela thata mme di lela motshegare eseng le bosigo.
Gantsi e a re fa dipula di nele ka bontsi jo di neleng ka selekanyo se di neleng ka sone bosheng, go utlwale modumo wa matlametlo le digogwane, mme gompieno mo Serowe go tlhabeleditse dinyetse.
Modumo wa tsone o utlwala gongwe le gongwe, di lela bosigo le motshegare le mororo Ramasedi a ne a gopotse tshaba, tsholofelo e le gore go tlaa nna tsiditsana.
Dikhukwane tse di tletse mo ditseleng, di tsena mo matlong, o a ne o fitlhela di sule ka mogoro mme modumo wa tsone ga o fokotsege.
Fa bangwe di ba sera jaana, bangwe bone ba re ke dijo e bile ba tlhalosa fa di sa tshwane mme tsotlhe di jewa.
Mme Chendzimu Mbaeva wa Maitengwe yo o berekelang kwa Serowe mo lephateng la dikitsiso, o boletse fa a jele senyetse bonaneng jwa gagwe mme monate wa sone o boa ka kwano fa se tshwantshanngwa le phane.
Letlhogoputswa, Rre Jakson Rajase e ne a re ga go a tlwaelesega.
A re bogologolo fa go diragala sengwe se se sa tlwaelesegang, go a bo go kaya sengwe se se tlaa diragalang se siame kgotsa se le maswe.
Rre Patrick Motalaote ene o boletse fa dinyetse di supa fa go tlaa nna letsatsi thata, mme di bokolediwa ke mogote o o tlaa nnang.
Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Clifas Kemiso a re senyetse ga se tshwenye kwa masimo jaaka setotojane se ebileng se tshwenya mabele thata. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 28 Nov 2019




