Breaking News

Kgosi Sekai o rotloetsa balemi-barui

28 Nov 2019

Mothusa kgosi wa Bakgatla o rotloeditse balemi-barui ba ba sa fenyang sepe mo ditshupong tsa kgaolo ya Kgatleng tsa temo-thuo go tswelela ka temo-thuo.

Fa a bua kwa kabong dietsele tsa ba ba fentseng, Kgosi Bana Sekai, yo eleng gape morotloetsi mogolo wa ditshupo tse, o kgothaditse ba ba latlhegetsweng go se kgobege marapo, mme ba itsee motlhala ba bone gore ba ka ipaakanya fa kae.

 “Ke lebogela basadi le banna ba lona ba ba le golotseng gore le dire tiro e, ka le ne le boela kwa malwapeng a lona bosigo, mo le neng le sa bone ba malapa a lona sentle,” a rialo Kgosi Sekai.

A re o tlhaloganya dikgwetlho tse di neng di lebane maloko a komiti e e neng e rulaganyetsa tiro eo, e bile a supa fa ditshupo tse di ne tsa pala go tshwarwa ngwaga o o fetileng.

A re maikaelelo a bone a ne a atlega ngwaga ono, e bile ba setse ba simolotse tiro ya go rulaganyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang.

Kgosi Sekai a re dikgwetlho tsa madi di tsweletse ka go tsenya tsebetsebe, mme e le morotloetsi mogolo wa ditshupo tsa Kgatleng, ga a kake a ipona tsapa go bona gore Bakgatla, makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ba ba ema nokeng.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa ditshupo tsa Kgatleng, Rre David Sefwake a re kabo dimpho e, ke go tsweledisa mosepele o ba o simolotseng ka Phatwe wa ditshupo.

A re mo kgaisanyong, go nna le mofenyi le yo o latlhegetsweng, mme se se seka sa kgaoganya batho.

Rre Sefwake a re kgaisanyo ya monongwaga e ne e le mashetla, mme ba solofetse gore e golele pele.

O supile gore go ya pele, ba tlhokana le kemo nokeng ya botsadi, ka se se ka ba thusa go atolosa ditshupo.

“Go maleba gore fa re sa dire dilo sentle, e be re tshwaragane mme re gakololana sentle ka lorato le ka tlotlo,” a rialo Rre Sefwake.

A re tshwaragano ke yone e ka godisang ditshupo tse, mme e bile e le ba komiti ba eletsa go tshwaragana le mekgatlho e e farologanyeng.

“Dikereke, makgotla a balemi-barui le e mengwe fela jalo, re eletsa tshwaragano le kemo nokeng ya lona,” a tswelela.

Rre Sefwake o akgotse Kgosi Sekai gore a bo a sa ipona tsapa go bona gore ditshupo tse di a gola.

Bafenyi ba ne ba kgaogantswe ka maemo a bommampodi go bo go nna le ba maemo a ntlha, a bobedi le a boraro.

bommampodi ba ne ba le mo dijalong le leruo ka go farologana ga tsone.

Bangwe ba bommampodi e ne e le Mme Mangole Tshegang mo dijwalong a ikgapela mogala wa letheka, Mme Tshiamo Letshwiti mo leruong a abelwa diunitsi tsa P500, Mme Mmaphefo Nthwesane mo dijalong a ikgapela diunitsi tsa P500, Rre Clement Boitshwarelo mo leruong a gapa mogala wa letheka, Mme Queen Phepheng mo dijwalong a gapa mogala wa letheka le Mme Lame Tsele wa leruo a itseela mogala wa letheka. BOKHUTLHO

 

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Nov 2019