Breaking News

Beng ba diterekere ba kopiwa go lema sentle

27 Nov 2019

Beng ba diterekere ba kgaolo potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go lemela balemi sentle.

Fa a bua kwa phuthegong ya beng ba diterekere ka Labobedi, mogolwane wa lephata la dijwalo kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Tiyedze Mariri, o boletse fa go le botlhokwa gore bakgweetsi ba diterekere ba leme mo go kgathisang gore balemi batle ba bone thobo e e nametsang.

A re lenaneo la ISPAAD le na le seabe se setona mo go rurifatseng gore Botswana o nna le dijo tse di lekaneng mme go simolola ka go lema.

Ka jalo, Mme Mariri a re go botlhokwa gore beng ba diterekere le balemi ba rurifatse gore ba dira dilo tsotlhe ka fa tsamaisong ya molao wa lenaneo leo.

O ne a kopa beng ba diterekere go rurifatsa gore botlhe ba ba ba lemelang ba ikwadisitse le molemisi wa kgaolo eo mme e bile le bone ba ikwadisitse gore ba kgone go tsenngwa mo maranyaneng a dituelo bogolo jang fa e le gore ga ba ise ba ko ba tsenngwe.

Mogolwane wa lephata la dijwalo a re go le gantsi ba felela ba gotlhagotlhana le beng ba diterekere ka nako ya dituelo ka dilo dingwe di abo di sa dirwa sentle.

Mme Mariri a re bangwe ba lemela batho ba sa ikwadisetsa go thusiwa mme e re morago go nne le dikgang tsa dituelo, a re ka jalo molemi mongwe le mongwe o tshwanetse a ikwadise pele mme e bile yo o adimang tshimo, o e adima pele ga temo e seng morago ga go lemiwa jaaka bangwe ba dira.

O ne a gatelela gore go salwe morago molao o puso e o beileng wa go bulela ikwadiso le tswalo ya one go tila dikgang tse di sa siamang.

A re go lemela balemi masimo a a sa teratelwang ke karolo nngwe ya tshenyetso setshaba ka jaana seo ke go latlhela madi a puso mo motlhobodikeng.

O ne a tlatsa ka gore beng ba diterekere ba seka ba kokotetsa ditema tse ba di lemileng mme ba di tsise nako le nako fa ba wetsa tiro gore ba kgone go duelwa ka nako mme e bile madi a santse a le teng.

Mogolwane wa tsa dijwalo, Mme Evelyn Ramontshonyana ene o ne a tlhalosa fa bokopano joo bo ba fa sebaka sa go ithuna dinta le go leba kwa morago gore ba kgone go baakanya diphoso tse di diragetseng le gore go ya pele ba ka thusa balemi jang.

A re bokopano joo gape bo ba fa sebaka sa go lekola dithuso tse beng ba ditereke le balemi.

Mme Ramontshonyana o ne a tlatsa gape ka gore beng ba diterekere ba na le seabe se setona mo go thuseng go ntsha dijo mo masimong le gore balemi ba bone thobo e e nametsang.

A re mo ngwageng wa 2018, ba lemile ditema di le 19 000 mme seo e le koketsego go tswa kwa go 15 000 wa ngwaga wa 2017.

Mme le fa go ntse jalo, maduo a thobo ga a nametse mme seo ke poelo morago mo maitekong a puso a go thusa Batswana go itshetsa le gone go tswa mo lehumeng.

Mme Ramontshonyana a re ka ngwaga wa temo wa 2018, go duetswe P20 million le ntswa thobo ya ngwaga oo, e ne e sa jese diwelang.

Mongwe wa beng ba ditereke, Rre Motse Onageng, o ne a ngongorega ka gore balemisi ga ba ba etele sentle kwa masimong gore ba kgone go nna ba ba thusa ka tsotlhe tse di amang temo mme a re seo se na le seabe mo go digeng thobo ya bone.

A re diji di dintsi fela thata mo masimong mme ebile ba tlhasetswe ke maeba mo kgaolong ya bone mme a baka tshenyo e ntsi.

Rre Onageng o ne a supa fa beng ba diterekere ba sokola ka madi bogolo jang ka lephata la dijwalo le tsaya sebaka go ba duela mme seo se tsise letlhoko la madi.

Ka jalo o ne a kopa lephata leo go nna le tsela ya go ba thusa gore ba kgone go duela babereki ba bone le go tshela leokwane go ya go lemela batho.

Rre Jeffrey Tsheboyagae a re e re le ntswa go lemilwe ditema tse dintsi, bone ba a bo  ba dirile tiro ya bone ya go lema, mme jaanong kgang ya tlhokomelo masimo e salela molemi yo o tshwanetseng go rurifatsa gore thobo e nna teng.

A re mathata a a teng ke gore bangwe ba balemi bao, ga ba tlhokomele masimo a bone morago ga go lemelwa fa bangwe bone ba tlogela masimo ba ya go bereka go sele.

Rre Tsheboyagae o ne a kopa lephata la dijwalo go nna le bokopano le balemi go ba ruta ka botlhokwa ja go tlhokomela masimo a bone gore ba ntshe thobo e e kgotsofatsang.

O ne gape a kopa lephata go sekaseka go ba neela kanago ba  adima 10 per cent ya madi a ba a kolotiwang gore ba kgone go tsweledisa temo mme e re morago ba duelwa go ntshiwe bontlha joo. ENDS

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Nov 2019