Breaking News

Mathuba o itshetsa ka borotho

27 Nov 2019

Letlhoko la ditiro le gwetlha bangwe go ema ka dinao go dirisa diatla tsa bone go itshetsa.

Mme Kesego Mathuba (46) wa Mahalapye o lemogile fa phokoje go tshela yo dithetsenyana ka jalo a dirisa kitso ya gagwe ya kapei ya borotho go ikinola mo lehumeng.

Toro ya ga Mme Mathuba ya go itshetsa ka kapei ya borotho e fetogile leruri ka ngwaga wa 2014.

 “Kgwetlho ya go gola ke sa bereke e mputse matlho gore ke eme ka dinao ke itirele se nka itshetsang ka sone. Ke ne ka dirisa kitso yame ya kapei ya borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba mo potsolotsong bosheng.

Le fa a kile a dira maiteko a go kopa dithuso, Mme Mathuba a re go tlhoka go atlega mo kopong ya gagwe go ne ga seka ga mo kgoba marapo ka jalo a gwetlhega go tswa ka maano a a ka mo thusang go godisa kitso ya gagwe go simolola kgwebo..

Le fa go ntse jalo, Mme Mathuba a re dikgwetlho tsa botshelo jaaka go tlhokomela ba lelwapa la gagwe di ne di mo gwetlha go ema ka dinao go phunya motswedi wa itshetso.

“Ka thuso ya madi go tswa mo go kgaitsadiake, lerato lame la kapei le tsweletse e bile le fetogile kgwebo.Ke simolotse ka go apaya borotho e le go lekeletsa, mme ka Modimo o sa je nkabo, ka lemoga fa tatso ya kapei yame e kgotsofatsa baji ba borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba.

 O supile gore kgwebo ya gagwe ya kapei e rotloediwa thata ke babereki ka go farologana le setshaba ka kakaretso.

Mme Mathiba a re kgwebo ya gagwe e godile, e bile o apaya mefuta ya borotho ka go farologana le go rekisa seno tsididi sa gemere.

Mme Mathuba a re o tsweletse ka go atolosa mmaraka wa kgwebo ya gagwe.

“Ka ngwaga wa 2018, ke ne ka tsenya kopo kwa khanseleng, go apeela bana ba sekolo borotho, mme ka atlega ka fiwa thendara ya sekolo se se potlana sa Leetile. Lenaneo leo le thusitse thata go godisa mmaraka wa borotho le go oketsa letseno le ke le dirang.”

O ne a tlatsa ka gore, ‘ke kgona go fiwa thendara ya go apaya borotho fa go na le diphuthego tsa babereki jaaka thuto-seka-dipuisano kana khansele.’ 

A re bareki ka bongwe ka bongwe mo mmolong o mogologolo wa Mahalapye ba rotloetsa kapei ya gagwe fela thata.

“Mongwe wa bareki ba me ba tlhwatlhwa o feletse a bitsa kgwebo e leina la Bophelo.”

O ne a tlhalosa gore leina leo le tlhalosa boleng jwa se ke se dirang ka gore ke ba fa nonofo ya go tswelela ba bereka ka natla ka jaana ba na le botshelo, ga tlhalosa Mme Mathuba.

“Ke lebogela thotloetso ya banni ba Mahalapye, ka jalo ke tshela botshelo jo bo nang le boleng e bile ke lemoga mosola wa go rwala masigo ka tlhogo ke phakeletse go apaya borotho, e le ruri se ke jone bophelo.”

 Le fa kgwebo e santse e le potlana e bile e sena lefelo le e direlang mo go lone, Mme Mathuba o dumela fa se a se dirang se dirile phetogo mo botshelong jwa gagwe.

 “Ke eletsa go godisa kgwebo le go bula madirelo a kapei ya borotho.”

O kgonne go thapa babereki ba le babedi go mo thusa mo tirong ya letsatsi le letsatsi ya go apaya le go rekisa borotho.

 O tsweletse a rotloetsa ba ba sa kgonang go bona tiro jaaka ene gore ba seka ba ineela ba itshekatsheke mme ba dirise kitso tse ba nang le tsone go fetola matshelo a bone.

 “O seka wa ineela o santse o tshela, ema ka dinao o fetole botshelo jwa gago.”

Mme Mathuba a re boroko ga se khumo ka jalo go botlhokwa go dirisa nako e ntsi go leka maano a a ka tokafatsang botshelo ka re ope a seka a tlhabiwa ke ditlhong go bonwa a raletse motse a rekisa borotho kana a dira sepe fela se se ka mo tshedisang. ENDS

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Nov 2019