Breaking News

Tshegetsang serodumo sa kereke

25 Nov 2019

Maloko a kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion ba gwetlhilwe go tswelela ba tshegeditse serodumo sa kereke eo sa go tshwaragana le go dira dilo ka tolamo. Fa a bula semmuso moletlo wa kereke eo wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi e le teng, mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a akgolela maloko go bo kereke ya bone e goroga kwa dingwageng tse di kalo e ise e ko e tshabelelwe ke dihawa

A re bontsi jwa dikereke di na le go tshabelelwa ke go thubega, mo dingwe di sa kgoneng go goroga le gone kwa dingwageng tse tlhano, fa tse dingwe di tshela ka go nna di letlanngwa kwa makgotla tshekelong.

Ditso di supa fa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, e mo nakong eno e leng ka fa tlase ga ketelelopele ya ga Moruti Norman Muzonda, e simolodisitswe ka ngwaga wa 1939 ke moswi Moruti Smart Mthembu, mme go tlhalosiwa fa e sale go thaiweng ga yone le jaana e itsetsepetse.

Mopalamente Molebatsi a re seo, ke sesupo sa gore e thailwe ka motheo wa motia e bile gape go supa fa maloko a yone a ithulaganya sentle, mo leloko lengwe le lengwe le tlhaloganyang boikarabelo jwa lone, go tila dikgang tsa go lwelwa ga maemo tse gantsi e leng tsone di kgoberang dikereke.

O tsweletse a bolela fa ditshekatsheko di supa fa madi e le mmaba mogolo o o bakang go nwela ga dikepe mo dikerekeng, a re ka jalo go botlhokwa gore gangwe le gape Maloko a nne a fiwa dipego tsa madi.

    Rre Molebatsi o ne a ba gakolola go dirisa madi ka fa tshwanelong, a bo gape a ba thaba podi matseba go itirela mananeo le go nna le tebelopele ga mmogo le go nna ba itshekatsheka, ka go dira jalo ka ba thusa go fitlhelela maikemisetso le dikeletso tsa bone.

A re Maloko a kereke eo, ba tlhaloganye fa bokamoso jwa yone bo le mo maruding a bone, a ba gwetlha bogolo jang banana go ema ka dinao go kwatabolotsa ditso tsa kereke eo, mo bangweng ba ba tshidileng le matlhami wa yone.

Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa gore ba kwale ditso tsa kereke gore di sireletsege go ka fetisediwa kwa dikokomaneng tsa kereke tse di tlang kwa morago.

Mo go tse dingwe, mopalamente Molebatsi o ne a kopa Maloko a Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go eteletsa lorato kwa pele, a re ba bulegela le go amogela batho botlhe mo kerekeng ya bone, ba sa lebelele popego kgotsa diemo tsa bone.

A re dikereke di tshwanetse tsa supa botlhokwa jwa boleng teng jwa tsone ka go thusa puso ka metlhale e e farologaneng, jaaka go fetola boitshwaro jwa batho, go thusa ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong le go neela bogakolodi fa go tlhokegang teng.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, Moruti Muzonda o boletse fa motlhai wa yone e ne e le motho yo o ineetseng ebile a le lorato, ka moo maloko a tshwanelwa ke go gata mo dikgatong tsa gagwe, gore ba kgone go fenya tsotlhe le go kgona go diragatsa tse ba di eleditseng.

Moruti Muzonda o ne a kopa phuthego ya gagwe gore e tiise mo go rereng efangele ya Modimo nako e santse e ba leta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 2

Event : Pulo semmuso ya moletlo wa kereke

Date : 25 Nov 2019