Breaking News

Orakanye o itshetletse ka tshingwana

25 Nov 2019

Motlapele o ne a opile kgomo lenaka fa a re mpha mpha o a lapisa, motho o kgonwa ke se sa gagwe.

Mafoko a, ke one seikokotlelo sa ga Rre Rakole Orakanye (70) mo-na-le-bogole wa kwa Mabuo kwa kgaolong ya Legare yo o thusitsweng ka lenaneo la Nyeletso Lehuma go dira tshingwana ya merogo. Rre Orakanye o dirisa kolotsana go tsamaya ka a sena maoto, seemo se a se baketsweng ke bolwetse.

Setswerere sa puo ebile o tlhaloganya temothuo, Rre Orakanye a re bonaneng jwa gagwe, o ne a itshetsa ka kago go fitlhela bolwetse bo mmaya hatshe.

Motho o ka seke a dumele fa go ka tswa merogo mo tshingwaneng e e ka fa mahure, mme go dira mo-na-le-bogole Rre Orakanye yo o lemelang go ijesa a bo a jesa le banni ba motse, gammogo le go rekisetsa madirelo a motse le e mengwe jaaka Serowe.

O rekisetsa le bagwebi ba mo mekgwatheng kwa Serowe ebile jaanong o mo lenaneong la go rekisetsa dikole.  Kgwebo ya gagwe ga e tsamaisediwe fela mo lefifing mme o na le le buka e e supang gore kgwebo e ntse jang. Rre Orakanye o lema merogo, ditamati le pherehere.

Rre Orakanye o boletse fa a thusitswe ka lenaneo la Nyeletso Lehuma ka 2012, a thusiwa ka letloa, tanka e e beeletsang metsi le diphaephe tse di nosetsang.

 Pele ga dithuso a re ba ne ba rutwa ka temo ya merogo, ba rutwa le diji tsa merogo gore di lwantshiwa jang.

O boletse fa tshingwana ya gagwe e dira sentle mo a kgonneng go tlhabolola lelwapa la gagwe jaaka go gokela motlakase, fa ele dijo tsone a re o ja se a se batlang.

Rre Orakanye o thusana le mohumagadi wa gagwe, Mme Botswelelo Orakanye, yoo mo fang thotloetso. O boletse fa balemisi le bone ba sa ipone tsapa go nna ba mo etela ba mo fa dikgakololo.

 Fa nankola dikgwetlho o boletse fa ka nako tsa leuba ba tshwanngwa ke tlhaelo ya metsi le go kgaoga ga sediba, gape dijwalo tsa gagwe di tshwenngwa ke ngadule le ditshoswane mme a re ga go mo kgobe marapo.

Rre Orakanye o galaleditse puso go thusa Batswana ka mananeo, a re ke tiro e tona thata.

A re boitseme ke jone bo tlaa diang bangwe go sola mananeo mananeo, jaaka banana ba ba itshetseng moruti o tsididi le mororo mananeo e le matsorotsoro. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MABUO

Event : POTSOLOTSO

Date : 25 Nov 2019