Breaking News

Bomme pilara ya ngwao - mohumagadi

25 Nov 2019

Mohumagadi wa kgosi ya Batlokwa o rotloeditse bomme ba Bakgatla go tswelela ka go tshegetsa ngwao.

O ne a bua kwa dikgaisanong tsa moduduetso kwa Mochudi, tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Kgeleke tsa Ngwao le Moduduetso.

Mohumagadi Thandie Gaborone a re Botswana o thaetswe mo ngwaong, ka jalo go a tshwanela gore Batswana ipelefatse ka Setswana sa bone.

“Se le se lorang mo Kgatleng le rona re a se lora re le Batlokwa ka re eletsa go bona dikokomane tsa rona di tshegeditse ngwao,” Mohumagadi Gaborone a supa.

A re Batlokwa ba na le letsatsi le ba ipelelang ngwao ka lone, mme e le keletso ya gagwe go bona se se diragala kwa Kgatleng.

Mohumagadi Gaborone o tshephisitse bomme ba Bakgatla kemo nokeng, mme e le tsholofelo ya gagwe gore le bone ba tlaa ema Batlokwa nokeng fa ba lalediwa go tla go ipelela ditiro tsa Setswana ka go farologana.

“Re le bomme re tshwanetse go tshwaragana ka ebile e le rona gape re agang setshaba,” a supa.

O kgothaditse bomme go ikaega ka Modimo, a re ke ene fela a ka tshwaraganyanang batho ebile a ba segofatsa gore ba atlege mo maikaelelong a bone.

“A mowa wa Modimo o rena magareng ga lona. Ga ke eletse gore mmaba saatane o ka senya mokgatlho wa lona,” Mohumagadi Gaborone a kgothatsa.

O ne gape a rotloetsa mokgatlho go itshwaraganya le UNESCO, ka ba na le mananeo a go godisa dingwao tsa mafatshe, mme se se ka ba thusa gore ba itshetse ka bokgoni jwa bone.

Mohumagadi Gaborone o rotloeditse botlhe ba ba neng ba phadisana go tshwara ka thata, go godisa bokgoni jwa bone ka ke mpho ya Modimo ebile e tshwanetse go anamisiwa gore batho ba ipelafatse.

Mogokaganyi wa mokgatlho wa Kgeleke Tsa Ngwao le Moduduetso, Mme Grace Peterson a re ba simolodisitse mokgatlho o ka ba ne ba tshwentswe ke seemo sa go tlhoka go ipelela ngwao kwa Kgatleng.

“Merafe e mengwe mo Botswana e tsweletse pele, mme re ne ra bona gore a le rona re seka ra salela kwa morago,” Mme Peterson a supa.

A re le fa mokgatlho o ise o digele ngwaga, ba setse ba segile tema mme ba eletsa gore ngwaga o o tlang, ba nne le letsatsi la go ipelela ngwao.

Mme Peterson a re tshesego ya go simolodisa mokgatlho o, e ne e le go ruta bomme tiro ya diatla, mme ga ba a kgaphela borre kwa thoko ka ba amogelesega go tsenelela mokgatlho.

“Maikaelelo a rona ke go amogana dikitso ka tiro ya diatla gore re kgone go dira letseno le re ka itshetsang ka lone re tokafatse matshelo a rona,” Mme Peterson a tlhalosa.

A re ba eletsa gape go nna le letsatsi la mmaraka go rekisa dithoto tsa bone.

Mo kgaisanong ya moduduetso, ba ba phadisanang ba ne ba le 12, gareng ga bone, rre a le mongwe.

Go ne go na le meduduetso e e farologaneng, jaaka wa go isa thupa kwa kgotleng, go gorosa ngwetsi mo lapeng, go amogela balalediwa ba tlotla, wa leboko, wa koma le ya go isa thobo ya ntlha kwa kgatleng.

Mme Alice Tlhase o ne ikgapela maemo a ntlha, a salwa morago ke Mme Mmonki Molefe, ga garela Mme Kefilwe Matlapeng mo maemong a boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : dikgaisano tsa moduduetso

Date : 25 Nov 2019