Breaking News

Manake o ipela ka lenaneo

24 Nov 2019

Mme Rose Manake wa Tsetsebjwe mme a direla kwa Selebi Phikwe ke mo-na-le-bogole yo o nnileng sego go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka lenaneo la Nyeletso Lehuma.

Mme Manake o supile fa lenaneo la Nyeletso Lehuma le mo reketse tante ya ditilo tse di masome matlhano le ditafole tse thataro, e le go mo tataisa go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.

Le fa a santse a le mo tlhokomelong ya ofisi ya Nyeletso Lehuma, Mme Manake o kgonne go oketsa dilwana tsa gagwe ka go reka ditafole le dijana.

O supile fa kgwebo e tsamaya ka bonya ka bontsi bo fudugetse kwa magaeng morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL.

A re o leka ka bojotlhe go ipapatsa mme gantsi o bona madi ka nako tsa dintsho le manyalo ga mmogo le mediro ya go ipelela matsalo.

A re pele ga dithuso tse, botshelo bo ne bo le thata mme a tloga a ipona le ene a na le seriti jaaka puso e eletsa go bona Motswana mongwe le mongwe a na le seriti.

Mme Manake a re ga nke a lala ka tlala ka a kgona go ithekela dijo, go duelela boroko, go tsenya motlakase le go duelela ngwana sekole.

A re o eletsa kgwebo ya gagwe e ka gola gore e kgone go phadisana le tse dingwe, mme fela o santse a tlhaela ka mekgabisa le go oketsa ditilo le ditafole.

O supile fa mo nakong ya gompieno go na le phadisano e e kwa godimo ya kgwebo ya ditante, mme a re tsa Nyeletso Lehuma ka ba di neelwa di sena mekgabisa, batho ga ba di kgatlhegele go le kalo.

A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba kgona go tsaya lebaka ba sa buse tante mo lebakeng le le dumalanweng mme morago e tle dilo tse dingwe di latlhegile.

Maitemogelo a mangwe a gagwe ke gore ba neetswe mananeo a a tshwanang ba le bantsi ka jalo, ba lwela mmaraka.

Mme Manake o supile fa e tlaare mo bogaufing a ye go ithuta temo ya ditlhare kwa Tlamelong Rehabilitation Centre kwa a solofelang fa se se tlaa tla se dira pharologanyo mo botshelong jwa gagwe ka o tlaabo a sa leba kgwebo e le nngwefela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 24 Nov 2019