Ditlhare di thusa go lwantsha thuthafalo ya loapi
24 Nov 2019
Gore go thuthafala ga loapi go kgone go lwantshega, go tlhoka ditlhare gore di gope diphefo tse di bosula tse e leng ditlamorago tsa ditlhabololo.
Go buile jalo mogolo kwa Ditladi, Rre Richard Nyathi, kwa moletlong wa temo ya ditlhare kwa motseng oo.
Rre Nyathi o tlhalositse fa ditlhare e le tsone di tshegeditseng matshelo a batho ka phefo e ba ehemang le go tlhotlha metsi a baa nwang.
O tlhalositse fa maikaelelo a tiro eo e le go tsibosa le go ruta batho ka botlhokwa jwa go lema ditlhare le gone go rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego.
Rre Nyathi o tswelela a tlhalosa gape fa maikaelelo a lone e le go ruta batho ka botlhokwa jwa ditlhare mo go lwantsheng bosekaka le go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi.
O supile fa dithabololo di dirile gore thuto ya setso e babalelwe ntswa segompieno se agetswe mo go yone jaaka melao ya tshomarelo ditsa tlholego.
Rre Nyathi a re ditlhabololo di ntshitse batho mo go jeleng mo ganong go ya kwa kgwebong, mme se se felele se dira gore bagwebi ba ditsa tlhotlego ba itebatse ditsamaiso, mekgwa le melao ya tshomarelo.
O tlhalositse fa ditlhabololo di dirile gore batho ba beole naga ka didirisiwa tsa sesha, ba epa masimo mo go amileng mefuta ya ditlhare le dimela tse dingwe, mo go felelang go baka gore batho ba je dijo tse di gakatsang malwetse aa sa tshelwaneng.
Rre Nyathi o tlhalositse fa thuto ka ga dikgwa e ka tia, itsholelo e ka gola ka gore dipatisiso di ka dirwa mo gae ka dilo tse di farologanyeng go rurifatsa boleng jwa dimela mo go ka tokafatsang matshelo le kalafi. O supile fa setlhare sa monongwaga ebong Motlhware se dirisiwa e le molemo wa malwetse a a farologaneng jaaka letshololo, matlho le malaria le gone go nkgisa monate fa se besitswe le tse dingwe.
A re matlhare a sone a nowa e le tee le gore se dirisiwa go betla le go agelela.
Rre Nyathi o tlhalositse fa motlhware e le setlhare se se kganelang molelo le go sireletsa phefo. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Patience Molatlhegi
Location : FRANCISTOWN
Event : Temo ya ditlhare
Date : 24 Nov 2019