Breaking News

Choppies e abela ba Digawana

24 Nov 2019

Marekisetso a Choppies la Wayside kwa Lobatse a abetse malwapa a le masome a matlhano dijo tse di lopileng dikete tsa di Pula di le lesome le bongwe.

Se se tla morago ga gore pula le phefo di rutlomolole matlo mangwe bosheng.

Fa a bega dijo tseo kwa kgotleng ya Digawana, moemedi wa Choppies, Rre Tshepiso Rammurwana o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa go tshwanetse gore ba thuse malwapa ao ka dijo morago ga seru se se bawetseng.

Kgosi Moatlhodi Kgwakgwe o ne lebogela Choppies go thusa malwapa ao.

O ne a lebogela Choppies go tswelela ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, a kaya fa se se supa fa morafe wa Digawana o segofetse go bo ba bone dimpho tseo.

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa ba ba thusitsweng go tlhokomela tse ba di neetsweng le go ba rotloetsa go rapelela motse wa bone a tlhalosa fa thapelo e le yone konokono mo mathateng a diemo tsa dibetso tsa tlholego.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Good Hope, Mme Opelo Mongwa, o ne a tlhalosa fa e rile morago ga go amega ga malwapa ao, mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti o ne a ikuela mo setshabeng le beng ba dikgwebo go thusa ba ba wetsweng ke seru.

Ka jalo o ne a akgolela Choppies go sekegela tsebe kopo ya mopalamente mme ba tsaya boikarabelo jwa go thusa setshaba.

O ne gape a kopa gore ba ba kgonang ba nne ba tswelele ka go thusa ba ba amilweng ke pula. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : DIGAWANA

Event : Ka dimpho

Date : 24 Nov 2019