Komiti e agela banana ntlwana ya botsogo
24 Nov 2019
Go lemosegile gore fa banana ba ka fiwa matlwana a itekodiso kwa dikokelong, ba ka kgona go itekodisa botoka, ka jaana ba le ditlhong e bile ba rata sephiri. Makalana a a itebagantseng le go thusa banana tebang le tsa botsogo le one a ka rotloetsa banana go etela dikokelo gangwe le gape.
Morago ga go lemoga botlhokwa jwa seo, komiti e e lomaganyang tirisanyo magareng ga setshaba le bodiredi jwa botsogo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya tsaya tshwetso ya go aga ntlwana ee ka thusang banana kwa kokelong ya Masunga.
Mo maitekong a go sala morago toro ya go aga ntlwana eo, komiti eo, ka tshwaragano le bodiredi jwa botsogo le bogogi jwa kgaolo, e ne ya simolodisa semmuso tiro ya go dubiwa ga ditena, tse di ka dirisiwang mo kagong.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya go dubiwa ga ditena e neng e tshwaretswe kwa kokelwaneng ya Masunga bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Ruth Dlodlo o ne a supa fa lekalana leo le tlaa fa banana sebaka sa go itekodisa ka tshosologo le gone go neelana bogakolodi tebang le tsa botsogo jwa bone.
Mme Dlodlo a re komiti ya gagwe e lemogile fa ntlwana e e thusang banana e tlaa thusa mo go lwantsheng dikgang dingwe, tse gantsi di amang bokamoso jwa banana.
A re dikgang tse di akaretsang boimana jwa banana, malwetse a tlhakanelo dikobo le tiriso ya nnotagi mo bananeng, e le dingwe tse di tshwenyang thata mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ka jalo lekalana leo le tlaa thusa go ba fa bogakolodi tebang le tsone.
E re ka jaana kago eo, e tlaa bo e dirwa ka mowa wa boithaopo le go kopa dithuso mo makalaneng ka go farologana, Mme Dlodlo o ne a gwetlha morafe wa kgaolo go ema ka dinao go tlhomamisa gore tiro eo e tswelela ka thelelo.
Le fa gontse jalo, a re o na le tshepo ya gore ka tshwaragano ya ba-na-le-seabe tiro eo e tla atlega.
Motshwara madi wa komiti eo, Mme Luzile Mudongo, o ne a supa fa ba ne ba thulanya ditlhogo, mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go aga ntlwana eo.
Mme Mudongo o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka go kokoanyetsa tiro eo madi, a tlhalosa fa ba setse ba kile ba rulaganya mogwanto o o duelelwang o mo go one ba neng ba kokoanya P15 000.
Le ene fela jalo o ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore e tla re sebaka sa bone se wela, komiti e ntsha e tlaa sala e tsweledisa fa ba tlaa bong ba eme teng.
Mothusa kgosi kwa Masunga, Kgosi Thabo Monaga, o ne a iteela legofi maiteko ao, a re ke mogopolo o o molemo thata ka jaana o tla thusa banana ba kgaolo le ba lefatshe leno ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : POTSOLOTSO
Date : 24 Nov 2019