Breaking News

A ditshwanelo tsa bana di tlotlwe

24 Nov 2019

Ba-na-le-seabe mo kgodisong ya ngwana ba gwetlhilwe go tsaya boikarabelo jwa go tshwaraganela tiro e.

Se, se boletswe kwa segopotsong sa letsatsi la ditshwanelo tsa bana kwa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Dibui dingwe di boletse fa go le botlhokwa gore ditshwanelo tsa bana di tlotlwe, e bile ba godisiwe ka lerato le le tlaa thusang gore ba nne le boikarabelo.

Ba re puso e dira natla go rotloetsa kgodiso ee lolameng ya bana.

Fa a bula semmuso tiro eo, modulasetilo wa lekgotla la Skillshare International Botswana, Mme Kebareileng Seane, o boletse fa go le mo maruding a mongwe le mongwe go tlamela bana, go ba dibela le go ba fa bogakolodi.

O ne a supa fa puso e itlamile go eteletsa kwa pele kgodiso ya bana, go sa kgathalesege gore ke ba bong kgotsa letso lefe.

Mme Seane a re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa ngwana mongwe le mongwe a na le toro, a re mme fela go le gantsi ditoro tsa bone di felela di holodisiwa ke bagolo ka mabaka a a farologaneng.

A re dingwe tse di holodisang ditoro tsa bana ke gore batlhokomedi bangwe ba bone ba itlhokomolosa botlhokwa jwa go ba direla ditlankana tsa matsalo kgotsa Omang, mme seo se bo se ba baya ka fa mosing.

Le fa gontse jalo, Mme Seane o ne a kgala mokgwa wa gore bana ba rontshiwe ditlamelo tse di akaretsang  botsogo le thuto ka go bo ba sena tse di tlhokafalang, a bo gape a tshela mmu mokgwa wa gore e re bana ba kolota sengwe kwa dikolong, barutabana ba gane go ba neela ditlankana tsa bone.

A re boemong jwa go dira jalo, barutabana ba tshwanetse go lebagana le motsadi ka e le ene a tshwanetseng go rwala mokgweleo wa go thusa le go sireletsa ngwana.

Mme Seane o ne a tswelela a tlhalosa fa go ngomola pelo go bo batsadi bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa go tlhokomela bana, mo bana bangwe ba iphitlhelang ba phuagantswe kwa go bonkuku a bone.

O ne a supa borre bangwe ka monwana, a re ba na le mokgwa wa go tsena ka lenga la seloko fa baratiwa ba bone ba ba begela boimana, mo ngwana a felelang a gola a sa itse rraagwe.

O ne a gwetlha borre ba ba sa itseng kwa bana ba bone ba leng teng, go ba direla bomolemo ka go ba latedisa, a re ke tshwanelo ya ngwana go itse le go nna le kamano le batsadi boobabedi.

Fa a tswa la gagwe, modiri go tswa kwa lephateng la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Lechani Peter, o ne a kgala thata kgokgontsho mo baneng, a re go le gantsi e felela e aga mo ditlhaloganyong tsa bana, mme seo se ame le jone bokamoso jwa bone.

A re se se utlwisang botlhoko le go feta, ke go bo batsadi bangwe ba kgokgontsha bana ba bone ka tsa tlhakanelo dikobo, mme e le bone ba solofelwang go ka ba sireletsa.

Fa a ema bana ka lefoko, Mme Peter o ne a ba gakolola go tlhopha ditsala tse di ka sekeng tsa ba gogela mo thaelong, a re ba itse fa go nna le ditshwanelo go sa reye gore ba iteseletse ba inaakanya le dilo tse di sa itsagaleng, tse di ka ba senyetsang bokamoso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : segopotso sa letsatsi la ditshwanelo tsa bana

Date : 24 Nov 2019