Dipolaano tsa baratani di gaketse kwa Serowe
22 Nov 2019
Fa e sale go tloga ka Hirikgong go tla go tsena gompieno, batho ba le masome mararo ba setse ba tlhokafetse kwa Serowe ntateng ya dipolaano tsa marato.
Se se tlhalositswe ke mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng.
Supt Oteng o boleletse BOPA fa bontsi jwa dipolao bo diragalela kwa marekisetsong a bojalwa, kwa e bileng go rekisiwa le morago ga dinako tse di beilweng.
A re gompieno jaana ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro a ikgapetseng botshelo a sena go bolaya mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano ka sengwe se se bogale kwa kgotleng ya Mmopi gone kwa Serowe.
O boletse fa wa mme yoo a fitlhetswe a rapaletse mo ntlong fa mmolai ene a akgega mo marulelong a ntlo yone eo Ngwanatsele a le lesome le borobabongwe.
Rre Oteng a re monaawe moswi wa monna ke ene a neng a lemoga tiragalo eo mme a begela mapodisi.
A re ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa go fetileng ga rurifadiwa fa ba tlhokafetse.
Rre Oteng o tlhalositse fa dipolaano di tshwenya fela thata mo mapodisi ba ntshitseng letsholo go leka go bepisa seemo se se kekelang se.
O gakolotse morafe gore go baya dilo tse di borai mo matlong go diphatsa ka gore ba kgona go raelesega fa ba nna le tlhoka-kutlwisisanyo le ba ba tshelang le bone.
A re beng ba marekisetso ba ba sa tlotleng dinako tse di beilweng ba tlaa di gamela mo mokgokoloseng fa go ka diragala gore batho ba bolaanele koo.
O supile fa ba simolotse go tsamaya ba phuruphutsha batho ba ba tsamayang ba tshotse dirai ka maiteko a go kgoreletsa masula a a tshwanang le dipolao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 22 Nov 2019