Breaking News

Borre ba ithuna dinta kwa kgotleng ya ga Kgosi Khaise

21 Nov 2019

E rile Ngwanatsele a le lesome le boferabongwe, le e leng letsatsi  la mafatshefatshe la borre, borre ba New-Xanagas ba kopana kwa kgotleng ya ga Kgosi Dlamini Khaise go ithuna dinta.

Morago ga go tshotlha dikgang di akaretsa kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya nnotagi, tse di amang botsogo jwa bone le tiriso ya madi tota, ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore ba tshwanetse go nna le boikarabelo, le go nna sekao mo  setshabeng ka kakaretso.

Ba ne ba supa gore metlha ga se ya maloba fa ditiro le boikarabelo bongwe bo neng bo  kgaogantswe ka bong, e bile borre ba tshwanetse go amogela gore bomme ba ka  goga lefatshe kgotsa ba etelela morafe fa ba na le bokgoni.

Ba ne ba dumalana gore ba tshwanetse go thibela kgokgontsho ya bong ka ditsela tsotlhe, e seng go fetoga bakgokgontshi, e bile ba re ntwa kgolo ke ya molomo.

Ba re borre ba tshwanetse go etelela malwapa a  bone pele sentle, le go fokotsa go inaakanya le nnotagi ka di ama botsogo jwa bone, di tlhakatlhakanya malwapa le gone go ba busetsa kwa morago, ka madi a felela koo.

Ba re ba tlaa  emela botsogo jwa bone ka dinao, go na le go nna maoto a tshupa go ya kwa dikokelong go ya go itlhatlhobela malwetse, kgotsa  go itekodisa fa ba na le bokoa bongwe.

Ba ne ba itlama go tsaya karolo mo kgodisong ya bana ba bone, le fa diemo e ka nna di fe.

Mogolwane mo ofising ya palo batho ya Ghanzi, Rre Thatayaone Maithamako  o ne a re le fa rre a ka  nna le ngwana le mme a sa mo nyala, o na le tshwanelo le boikarabelo jwa go tlhokomela ngwana yoo.

Le fa go ntse jalo, a re borre ga ba a tshwanela go tlhokomela bana fela ka gore ba patikwa ke molao.

Mongwe wa banni, Rre Domma Qwiqao o ne a supa fa tharabololo ya mathata otlhe a selefatshe a ka fela fa batho ba ka dira dikgatlhego tsa Modimo, e seng tsa bone.

Mo godimo ga moo, Rre Qwiqao a re batho ba tshwanetse go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko.

Mokwaledi wa khansele potlana ya Charleshill, Rre Christopher Maramba o ne a supa matshwenyego ka bana ba sekole sa koo se sebotlana ba ba tlogelang sekole ka ntata ya boimana, a supa fa dipalo di setse di tsamaya kwa go lesome le botlhano. Ka jalo, Rre Maramba o ne a kopa borre go tsaya boikarabelo gore dipalo tse di ye kwa tlase.

A re gantsi borre ba motse ke bone ba umakegang mo boimaneng jwa bana bao, ka jalo a ba kopa go sireletsa bokamoso jwa bana, go na le go bo senya. A re o dumela gore fa  bana ba ka atlega mo dithutong, kgabagare dipalo tsa Ipelegeng di ka fokotsega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : New-Xanagas

Event : Letsatsi la mafatshefatshe la borre

Date : 21 Nov 2019