Breaking News

Ba Masingwaneng ba kopa go thusiwa go aga leobo la kgotla

21 Nov 2019

Baagi ba motse wa Masingwaneng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba kua mokgosi mo sechabeng go ba thusa go tsosolosa leobo la kgotla le le tserweng ke diphefo ngogola.

Mo potsolosong, modulasetilo wa VDC Rre Gideon Magandayi a re ba laletsa bana ba Masingwaneng gope kwa ba ka tswang ba le teng go nna le seabe mo go kokoanyeng madi a marulelo a leobo.

Rre Magandayi o buile fa kgotla e le lefelo le motse mongwe le mongwe o ikgantshang ka lone, ka jalo go ngomola pelo gore kgotla ya bone e bo e le mo seemong seo.

O tlhalosa gore e tlaa nna matlhabisa ditlhong gore e re Tautona kana ope yo o botlhokwa fa etela Masingwaneng, a bo a gorosediwa mo leobong le le senang marulelo.

O supile gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ikgantsha ka legae la gagwe mme se se ka itshupa ka go le tlhabolola go na le go baya boikarebelo jo mo maruding a puso.

O buile fa motse wa bone e le one kgoro go ya kwa letamong la Ntimbale, ka jalo go le matshwanedi gore Masingwaneng a kgabe.

O supile fa mo bogaufing go tlaa nna le lenaneo le letona la go tlhabolola letamo la Ntimbale, go ngoka bajanala mme se se ba gwetlha gore ba nne mo seemong se se tlaa kgatlhang batsaya karolo ba ba dirang ditshekatsheko kwa letamong. Modulasetilo a re Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le file metse maikarabelo a go itlhabololela maobo a dikgotla fa a tlhasetswe ke diemo tsa tlholego.

A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa gore ba tlhabe mokgosi go laletsa botlhe ba ba tlholegang mo Masingwaneng go tsenya letsogo mo go tsosoloseng leobo.

Rre Magandayi a re ba ikaelela go rulaganya mediro ya itloso bodutu go leka go tsenya madi mo letloleng la paakanyo leobo.

O ne a laletsa dikhamphani le babeeletsi go tsaya karolo mo go tsosoloseng serodumo sa motse wa Masingwaneng ka go ba abela madi kana tsa kago.

Modulasetilo o buile fa ba setse ba abetse madi a bone a dikgaolwana ditlhabololo tse dingwe jaaka kago ya matlo a boroko jwa babereki. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Masingwanebg

Event : Potsolotso

Date : 21 Nov 2019