Borre bo boela kwa marakanelong
21 Nov 2019
Borre ba kopilwe go boela kwa marakanelong a ditsela, go itshekatsheka mo go tsotlhe tse ba supiwang ka monwana mo go tsone jaaka borukutlhi, thubetso, dintwa, polao le bogodu.
E rile a bua kwa bokopanong jwa borre kwa Palapye, ramapodisi wa koo Assistant Commissioner Seabe Maboka a supa fa sepodisi se tshwenyegila ka boitshwaro jwa borre fa go tla mo go tsa kgokgontsho.
O ne a supa fa setlhogo se se reng; Borre kwa Marakanelong a Ditsela se le maleba ka se laletsa rre mongwe le mongwe go itshekatsheka le go itsaya ka motlhala ka tsotlhe tse a di dirileng le tse a di dirang mme di sa siama.
Bokopano jo, bo rulagantswe ke ba lekgotla la ditsheko tsa lefatshe mme bo thologetswe ke makalana otlhe a Lephata la Tlhokomelo Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho Leswe go tswa Maun, Gaborone, Francistown le Palapye.
A re ke nako ya gore borre ba ikage sesha.
Rre Maboka a re kgokgontsho ya bomme le bana ga e jese diwelang, mme e dirwa ke borre ba ba intshitseng diphologolo e le batho.
A re dipalo di supa fa bomme le bana ba tshelela mo kgokgontshng, segolo bogolo ngwana wa mosetsana.
O kopile borre go boela mo sethong sa go lemoga gore borre le bomme ke batsadi ba bana ba ba fe tlhokomelo e e tshwanetseng.
A re go tlotla mme le go mo neela seriti se se mo tshwanetseng, lerato le tlhokomelo, go ka aga setshaba se se nang le maitseo le boikarabelo go fitlhelela kwa dikokomaneng.
Rre Maboka o ne a ikuela mo go borre mabapi le dikgang tsa go thubetsa bana ba bannye, a tlatsa ka go re ngwao e seka ya dirisiwa e le seipato go dira dilo tse di duleng mo tseleng.
A re fa rre mongwe le mongwe a ka tsaya boikarabelo jwa go godisa ngwana sentle, go ka aga setshaba.
O tlhalosa fa ba sepodisi ba dira ka gotlhe go sireletsa bomme le bana mo dilalomeng, a re ba simolola fela ka go neela bomme ba sepodisi tlotlo le seriti se se ba tshwanetseng.
A re go dirilwe ntlo ya sephiri kwa go botsolotswang bomme teng, gore ba bue ba phuthologile ka dikgang tse di amang thubetso.
O ne tlhalosa fa go ya go disa poo dingwaga tse di lesome e se matshamekwane, mme go tlhokafala gore borre ba itshware sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Bokopanong jwa borre
Date : 21 Nov 2019