Borre ba tshwanetse go kgalemela ba ba fapogang
20 Nov 2019
Borre ba rotloedietswe go kgalemela borre ba bangwe ba ba dirang ditiro tse di fatlhang.
Fa a bua la letsatsi la mafatshefatshe la borre le le neng le tshwaretswe kwa Selebi Phikwe ka Laboraro, Rre Desmond Lunga go tswa kwa mokgatlhong wa borre le basimane o o itebagantseng le tekatekano ya bong, a re nako e tsile ya gore borre ba itshupe gore ke banna tia.
A re banna tia ke borre ba ba nang le boikarabelo, ba ba itshwarang sentle e bile ba tlotla bomme.
Rre Lunga a re go le gantsi borre ba ba sa itshwareng sentle ba fiwa tlotla ke banna ba bangwe go na le borre ba ba itshwarang sentle.
O file sekai ka borre ba ba nang le bakapelo ba bantsi a re ba fiwa tlotla go na le ba ba itlotlang ba lebagane le mokapelo a le mongwe.
Rre Lunga a re ke nako gore borre ba ba itshwarang sentle ba fiwe tlotla e bile ba lemogwe ka gore ba ka nna sekao mo baneng ba basimane.
O kopile banna tia go kgalema le go tsenya borre ba bangwe mo tseleng, a tlatsa ka go re rre yo o ratanang le bana o tshwanetswe go kgalengwa ka o senya leina la borre.
A re rre mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go nna monna tia mme go simolola fela kwa lapeng, a nna sekai mo lapeng la gagwe.
Rre Lunga o kopile puso go sekaseka kgang ya go fa borre ba ba mo botsetseng malatsi gore ba kgone go thusa bomme go tlamela le go godisa lesea la bone.
Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana a re rre o tshwanetse go itse gore mme o a tlhokomelwa e bile o a tlotlwa.
A re bana ba basimane ba tshwanetse go godisiwa sentle gore ba itse gore ngwana wa mosetsana ga a ntshiwe lebadi.
Mogokaganyi mogolo wa lekgotla la borre, Rre Nonofo Leteane a re le fa borre le basimane ba na le boleng mo setshabeng, ga go ise go lekane ka gore lefatshe leno le santse le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le mogare wa HIV/AIDS, go iphetisa dino, malwetse a dikobo, kgokgontsho ya bomme le bana ga mmogo le marato a bagolo le bana.
Rre Leteane a re go fetola boitshwaro ga borre le gone e santse e le kgwetlho.
A re ba tshwanetse go emela dikgang tsa mofuta o ka dinao, go itshupa fa e le ditlhogo tsa malwapa.
O rotloeditse borre go nna borre ba ba pharologanyo, ba ba dirang dilo ka pharologanyo e bile ba ka kaiwa fa e le beng ba lefatshe, ba ba nang le boitshwaro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selebi Phikwe
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la borre
Date : 20 Nov 2019




