Breaking News

Mosekisiwa o tlaa ipobola pele ga katlholo

20 Nov 2019

Mmakaseterata wa Kanye Rre Daniel Nkau o letleletse mosekisiwa go ya go kwala tshoboko ya dintlha tsa kgang ya gagwe pele ga lekgotla le ka tsaya tshwetso.

Mosekisiwa, Rre Ernest Petros, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Kgosing kwa Gasegwagwa, o lebisitswe molato wa go thubetsa.

Dintlha tsa kgang di supa fa e rile kgwedi ya Phalane e tlhola gangwe ka 2015, a itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe ntle le tumalano kwa masimong a Diponyana go bapa le Gasegwagwa.

Mo tshekong eo, ba bosekisi ba ne ba bitsa basupi ba le batlhano, fa mosekisiwa a ne a bitsa ba gagwe ba le babedi.

Fa a soboka kgang ya bosekisi ka Laboraro, Inspector Thabologo Bojosi o ne a tlhalosetsa lekgotla fa bosupi jotlhe jo bo beilweng fa pele ga lekgotla bo lekane go bona mosekisiwa molato.

A re go papametse gore mongongoregi o ne a kopana le mosekisiwa ka letsatsi la tiragalo mme e rile a mo kopa go boa a mo tshosetsa, ka jalo a tlamega go sala ditaelo tsa mosekisiwa morago.

A re gape mongongoregi o ne a bolelela mmaagwe ka tiragalo e sena go diragala, yo o neng a begela mapodisi.

Inspector Bojosi o ne a tswelela a tlhalosa gore bosupi jwa mosupi wa bone, Mme Tshoganetso Lebele, le jone bo supa fa a fitlhetse mosekisiwa le mongongoregi kwa morakeng wa gagwe mme mongongoregi a ne a supa a sa itumela morago ga tiragalo eo.

Kwa bokhutlong, mmakaseterata o ne a laola gore mosekisiwa a iponatse gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa a tla ka mekwalo ya tshoboko.

A re mosekisiwa a name a tshegeditswe kwa kgolegelong go fitlhellela kgang eo e tswelela gape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Tsheko

Date : 20 Nov 2019