Borre ba itsaya motlhala
20 Nov 2019
Kgosi Nkaelang Lekgoa wa Plateau mo Kasane a re letsatsi la borre le fa borre sebaka sa go itsaya motlhala go bona gore tsela ba e latlhile kae.
E rile a bua mo segopotsong sa letsatsi la borre la kgaolo ya Chobe ka Labobedi, Kgosi Lekgoa a re borre ba tshwanelwa ke go rwala boikarabelo jwa go tlamela le go sireletsa malwapa a bone go balelwa le basadi.
A re letsatsi la mafatshefatshe la borre maikaeleleo a lone ke go tlhomamisa botsogo jwa borre le bana ba basimane, go tokafatsa botsalano gareng ga borre le bomme le go rotloetsa tekatekanyo ya bong.
O kopile borre go dirisa letsatsi le go ipelela seabe sa bone mo setshabeng, malwapa, manyalo le tlhokomelo ya bana.
Kgosi Lekgoa a re bontsi jwa bana ba basimane ba tlhoka ba ba ka tsayang malebela mo go bone ka jaana selekanyo sa 55 mo lekgolong ya malwapa mo Botswana e eteletswe pele ke bomme.
A re bana ba basimane ba ba godisiwang ke mme a le nosi ba tlhoka ene yo ba ka tsayang malebela mo go ene go sa kgathalesege gore maabone o ka tswa a na le boikarabelo jo bo kae mo go ba godiseng.
A re dipatlisisiso di supa fa mosadi a le bonolo e bile a na le go tsewa ke maikutlo fa a lebagane ke dikgwetlho mme monna ene a le pelokgale e bile a le mashetla bogolo jang fa a raletse dikgwetlho.
Kgosi Lekgoa a re ka dinako dingwe bana ba basimane ba ba godisiwang ke mme a le nosi ba felela ba amega mo borukutlhing.
A re o akgola melao ya Botswana ka jaana e gatetse pele ka go rotloetsa borre gore ba nne le boikarabelo mo baneng ba bone.
O file sekai sa gore melao eo ka dinako dingwe e kgona go fa monna tletla ya gore bana ba nne le ene e seng mmaabone.
O gwetlhile borre go tsaya karolo mo go godiseng bana ba bone ka go tshameka le bone le go rotloetsa botsalano magareng ga bone ka jaana seo se ka thusa bana go gola ba itse botlhokwa jwa batsadi boo-babedi.
Mogolwane wa boipelego mo khanseleng ya Chobe Rre Ogoditsemang Seleme o ne sedimosetsa batsena moletlo ka ditshwanelo tsa bana, a re ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go fiwa leina le le sa mo nyenyafatseng.
Rre Seleme a re ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go itse batsadi ba gagwe go sa kgathalesege gore a ba santse ba le mmogo kana ba kgaogane e bile a re batsadi bangwe ba tlola molao ka go lobela bana boraabone.
A re go le gantsi batsadi bogolo jang ba bomme ba na le go itsa borabana go ba bona fa ba sa ba tlhokomele a re seo ke molato o motho a ka o atlholelwang toronko kana madi.
Rre Seleme a re batsadi ga ba a tshwanela go tsenya bana mo dintweng tsa bone. A re se sengwe se ba se lemogang e le ba boipelego ke gore borre fa gongwe ba na le go re ba sola bomme ka go gana go supela ngwana fa a tshwanetse go tsaya leoto la kwa ntle ga lefatshe mme a re seo se utlwisa bana botlhoko.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa Chobe Community Rehabilatation Centre, Rre Mpho Sibanda o rotloeditse borre go nna dikao mo baneng ba basimane, a re go tlhoka go dira jalo go supa go tlhoka boikarabelo.
O ne a supa fa a sa kgotsofalela tshologelo ya letsatsi leo a re o utlwisiwa botlhoko ke gore go le gantsi borre ba tshologela mediro e e senang mosola jaaka dino le kgwele ya dinao.
E e ne e rile go le pele mothusa kgosi wa Plateau Kgosi Reuben Majeremane a re borre ba tshwanetse go itse gore ke sekao mo baneng, a re ba tlhomamise gore ba tshela botshelo jo bo eletsegang.
A re bana go le gantsi ba kopa mo batsading ba bone mme ngwana yo o sa godisiwang sentle o felela le ene e nna mokgokgontshi mo isagong.
Fa a ntsha malebo mokhanselara wa Plateau Rre Boitumelo Kanyetu o ne a kopa borre go tlogela go itsege ka ditiro tse di maswe jaaka go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le tse dingwe le go keteka baratiwa.
O kopile mokgatlho wa Men’s Sector mo Chobe go ruta borre go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
Molaetsa wa letsatsi e ne e le Borre ba ba Bokao jo bo Siameng mo Setshabeng mme moletlo mogolo o ne o tshwaretswe kwa Selebi Phikwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : Kasane
Event : Segopotso sa letsatsi la borre
Date : 20 Nov 2019