Breaking News

Kgolegelo ga se lefelo le le monate

20 Nov 2019

Batsadi ba kopilwe go ruta bana ba sale babotlana ka ditlamorago tsa borukutlhi gonne kgolegelo ga se bonno ke boetelo.

Assistant Superintendant Phillip Mokoto go tswa kwa kgolegelong ya Serowe o tlhagisitse fa botshelo jwa kgolegelo bo sa tshwane le jwa motho a le kwa lapeng ka wa kgolegelo a bona masika ka sewelo, selo se ope a sa se eletseng.

Rre Mokoto o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Mogorosi, e e neng e buisiwa ke ba sepodisi le ba dikgolegelo go tswa kwa Serowe mabapi le dikgang tsa borukutlhi le kgokgontsho.

Assistant Superintendent Mokoto o kopile setshaba, bogolo jang banana go emisa borukutlhi ka ditlamorago tsa jone e se tse di eletsegang.

O kopile banni go iphapha mo go rotloetseng borukutlhi, a bolela fa bangwe ba na le mokgwa wa go fa magolegwa dingwe tse di sa letlelelelweng kwa kgolegelong jaaka motsoko le megala ya letheka.

A re ga go sa tlhole go letlelelwa go gogwa ga motsoko kwa kgolegelong ka go lemogilwe fa o kgona go ama magolegwa a a sa gogeng.

O supile fa kgolegelo e tshwanetse e nne teng gore batho ba kgalemelwe gore ba dire tshiamo. A re setshaba se seka sa tsaya gore kgolegelo ke lefelo le go bewang ditlhobogwa. Asst Supt Mokoto a re fa motho a tswa kgolegelong, o tla a agegile e bile a filwe dithuto tse di farologaneng tsa go dira ka diatla go itshetsa, a re go botlhokwa gore setshaba se amogele yo o tswang kgolegelong.

Mogolwane go tswa kwa kgolegelong ya Serowe, Rre Seineeng Ntshebe go tswa kwa kgolegelong ya Serowe a re borukutlhi bo dirwa thata ke banana le borre. A re dipatlisiso di supa fa borukutlhi bo dirwa ke ba ba nnang mo lefelong le bo diragalang mo go lone.

O kopile banni go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo le dikgolegelo di tletseng.

Rre Ntshebe a re borukutlhi ga bo busetse e bile ga bo na tswelelo epe mo botshelong. A re go ngomola pelo ka borukutlhi bo dirwa ke bone bana ba go beilweng mo go bone mme ba felele ba tshwarwa.

O rotloeditse banana go tsaya mananeo go itshetsa le go tlhabolola motse wa bone go na le go senya nako ka tse di ka se keng di ba tswele mosola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mogorosi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Nov 2019