Go gorosa ngwetsi karolo ya botlhokwa
19 Nov 2019
Go ne go osha legong go sala molora, mogolokwane o lelela boatleng, jaaka badiri ba lephata la Banana, Motshameko le Ngwao kwa Serowe ba ne ba dirile moletlo o mo go one ba neng ba ruta e bile ba supa ka ngwao ya Setswana ya go batla ngwetsi.
Ditshupetso tse, tse di neng di diretswe kwa dikagong tsa lephata leo ka Mosupologo, di ne tsa supegetsa batsena tiro eo le ka fa go dirwang ka teng fa go tlhongwa kgosi mo setilong ga mmogo le go mo laya, dilo tse mo bogompienong go supafalang di nyelela ka iketlo.
Go ne go opelwa dipina tsa patlo, bomme ba apere megagolwana le ditukwi, ba supa fa ngwetsi e gorosiwa kwa go bo matsalaayone.
Tshadikgolo, borakgadi le bo mmangwane ba kgaola mpeetshane lerole le beta mokodue.
Dipina tse di neng di opelwa ke bo Se mo tsere tsere senatla! Mmatswale tlogela dipitsa tseo mong wa tsone o tsile!
Ba ne ba dira tsotlhe tse di dirwang fa mosadi a isiwa, ba dira go kgatlhisa e bile go ka gakolola bangwe manyalo a ba kileng ba a tsenelela. Ba supa fa ngwetsi e apesiwa mogagolwane le tukwi mme morago ba mo laya le gone go laya rre yo o nyalang. Fa ba supa peo ya kgosi lephata le ne la supa ditsamaiso tsotlhe, go simolola ka morero wa borangwaneatsone kwa lwapeng go tlhopha yo ba boneng a ka etelela morafe pele.
Fa morero wa bone o sena go wela ba bolelele morafe gore ba tlhophile mang go etelela pele morafe le mabaka a a akaretsang bonatla le botho jwa gagwe.
Ntswa gantsi bogosi bo tsalelwa, fa go senang e e tsetsweng go a tle go tlhophe morafe.
Ba ne ba supa moletlo o o tshwarwang go tlhoma kgosi mo setilong, o o tsenelelwang ke dikgosana tse dingwe le bo rangwaneatsone, go mo laya ba mo neela tiro.
Bangwe ba apesiwa letlalo la nkwe fa bangwe ba apara la tau, fa dikgosana di neelwa thobane le hutshe, thobane e le seikokotelo sa gagwe.
Ba ne ba supa gore kgosi o na le malata, malatswathipa le malope mme le bone ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go bua.
Lephata leo le ne la bula kgotla ya bone mme la tlhopha Rre Kgololo Ndubo go nna kgosi a thusiwa ke Rre Father Maniki, bakwaledi ba ga kgosi le mapodisi.
Kgang ya lephata ke go ruta ka ngwao ya Setswana gore e seka ya nyelela.
Jaanong ba ba tlhophilweng bao ke bone ba tlaa bong ba thusa mo lephateng go seka dikgang tse di tshesane mme fa di pala ke gone di fetelang kwa bogoging jwa lephata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Moletlo
Date : 19 Nov 2019